Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:25 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

25 Ee, ke santse ke tlhokega mo lefatsheng leno, mme jalo ke ikutlwa ke tlhomamisa gore ke tlaa nama ke le mo lefatsheng go se kae, go lo thusa go gola lo bo lo itumela mo tumelong ya lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

25 Mme ka go ikanya jalo ke a itse gore ke tla sala, ke nna le lona lotlhe go lo tsweletsa pele le go lo thabisa tumelong

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

25 Mi ka ki na le boikanyo yo, kia itse ha ki tla sala, le go aga le lona lotle, ka ntla ea bocoelelo pele yoa lona, le biotumelo yoa tumelo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

25 E re ka ke na le boikanyo jo, ke a itse fa ke tlaa nna, ke ba ke nna le lona lotlhe, gore lo bone botswelelopele le boitumelo mo tumelong;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:25
17 Iomraidhean Croise  

mme ke go rapeletse gore tumelo ya gago e seka ya fenngwa gotlhelele. Mme e re fa o sena go sokologa o bo o boela mo go nna gape, o nonotshe tumelo ya bakaulengwe ba gago o bo o e age.”


Erile fa a goroga ebile a bona dikgakgamatso tse Modimo o neng o di dira, a tlala kgakgamalo le boitumelo, mme a kgothatsa badumedi gore le fa go ka nna jang, ba nne mo Moreneng.


kwa ba neng ba thusa badumedi go tia mo loratong lwa Modimo le gore ba ratane. Ba ne ba ba kgothatsa go tsena mo Bogosing jwa Modimo ka dipogisego tse dintsi.


Mme jaanong ke a itse gore ga go ope wa lona mo go ba ke ba rutileng kaga Bogosi yo o tlaa mponang gape.


Jalo ke a lo rapelela Badichaba gore Modimo o o lo nayang tsholofelo o tle o lo itumedise o lo tlatse ka kagiso fa lo ntse lo dumela mo go one. Ke rapela gore Modimo o lo thuse gore lo tlale tsholofelo mo go one ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo mo go lona.


Ke na le poifo go bua sentle thata ka fa a dirisitseng ba bangwe ka teng, mme legale ke itse se fela; o ntirisitse go gapela Badichaba mo Modimong.


Mme ke tlhomamisa gore e tlaa re fa ke tla, ke lo tlele lesego le legolo le le tswang mo Moreneng.


Gonne ka ntlha ya tumelo ya rona, o re beile mo lefelong le le nang le tshwanelo e e kwa godimo fa re leng teng jaanong, mme re lebeletse ka tshepo le ka boitumelo go nna se tota Modimo o neng o gopotse gore re nne sone.


Fa ke tla, le fa ke sa kake ka dira thata go thusa tumelo ya lona, gonne e setse e nonofile, ke batla go ka dira sengwe ka ga boipelo jwa lona: ke batla go lo itumedisa, e seng go lo utlwisa botlhoko.


Mme boammaaruri ke gore ke ka nna le thuso thata mo go lona fa ke nna!


Ebile ke tshepa Morena gore ka bofefo nna ka sebele ke ka tla go lo bona.


Tswee-tswee mpaakanyetsa ntlo ya baeng, gonne ke solofela gore Modimo o tlaa araba dithapelo tsa lona o baa o ntetla go tla kwa go lona ka bofefo.


Lo a mo rata ntswa lo ise lo ke lo mmone; le fa lo sa mmone, lo a mo ikanya; mme jaanong lo itumela ka boitumelo jo bo bonalang bo tswa legodimong ka bo lone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan