Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:23 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

23 Ka dinako tse dingwe ke batla go tshela mme ka dinako tse dingwe ga ke batle, gonne ke tlhwaafalela go ya go nna le Keresete. Go ka nna boitumelo jang mo go nna go na le go nna kwano!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

23 Ke akabadiwa ke dilo tse pedi tse: Ke na le keletso ya go huduga le go nna le Keresete; kana moo go gaisa tsotlhe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

23 Gone ki akabarioa ki li tu tse, ka ki eletsa go huruga le go na le Keresete, gone mo ki molemo o mogolu bogolu;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

23 Ke mo pitlaganong fa gare ga dilo tse pedi tse; ke na le keletso ya go tsamaya, ke ya go nna le Keresete; gonne mo, go molemo bogolo thata;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:23
24 Iomraidhean Croise  

Go na le kolobetso e e maswe kwa pele ga me, mme ke pitlagane thata go tsamaya e diragala!


Mme Jesu a fetola a re, Tsatsi jeno o tlaa nna le nna kwa Paradaiseng ke go solofetsa ka boammaaruri.


Monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a kopa go tsamaya le ene, mme Jesu a gana.


“Fa e le gore Bagerika ba, ba batla go nna barutwa ba me, ba boleleleng gore ba tle ba ntshale morago, gonne batlhanka ba me ba tshwanetse go nna kwa ke teng. Mme fa ba ntshala morago, Rara o tlaa ba tlotla


Jesu o ne a itse mo maitseboeng a tsatsi la Tlolaganyo gore ke bosigo jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng pele ga a boela kwa go Rraagwe. Erile go jewa dijo tsa maitseboa Diabolo a bo a setse a feditse mogopolo wa ga Judase Isekariota, morwa Simone, gore jo ke bosigo jwa gore a dirise leano la gagwe la go oka Jesu. Jesu o ne a itse gore Rara o mo neetse sengwe le sengwe le gore o ne a tswa kwa Modimong le gore o tlaa boela kwa Modimong. Le ka fa a neng a rata barutwa ba gagwe ka teng!


Rara, ke batla gore ba o ba nneetseng ba, ba nne le nna kwa ke gone, gore ba tle ba bone kgalalelo ya me. O nneetse kgalalelo gonne o sale o nthata pele ga lefatshe le simologa!


Mme erile fa babolai ba mo kgobotletsa ka maje, Setefane a rapela a re, “Morena Jesu, amogela Mowa wa me.”


Le gone ga re boife, mme re itumelela go swa, gonne re tlaa bo re le kwa gae le Morena.


Botsididi jo bo sa leng teng mo gare ga rona ga se ka ntlha ya tlhaelo epe ya lorato ka fa ntlheng ya me, mme ka gore lorato lwa lona lo lo nnye thata jalo ga lo nkame go ntsenya mo teng.


Mme boammaaruri ke gore ke ka nna le thuso thata mo go lona fa ke nna!


Lona ka sebele lo a itse, bakaulengwe ba ba rategang, gore loeto loo lo ne lwa nna lwa botlhokwa jang.


Mme ga re kitla re khutlisa go leboga Modimo kaga se: gore erile fa re lo rerela, ga lo ise lo ke lo tseye gore mafoko a re neng re a bua e ne e kane e le a rona fela, mme lo ne lwa amogela se re neng re se bua e le Lefoko la Modimo tota, le tota e neng e le lone, mme le ne la fetola matshelo a lona fa lo le dumela.


Mme rona ba re santseng re tshela re tlogetswe mo lefatsheng re tlaa tsholelediwa mmogo nabo mo marung go kgatlhantsha Morena mo loaping le go nna nae ka bosenabokhutlo.


Ke bua se ka gore ke tlaa bo ke seyo go go thusa ka lobaka lo loleele. Lobaka lwa me lo setse lo fitlhile. E tlaa re ka bonako ke bo ke le mo tseleng ya me go ya legodimong.


Mme ka utlwa lentswe le tswa mo magodimong le re, “Kwala se: kwa bofelong lobaka lo fitlhile lwa gore baswela-tumelo ba tsene mo tuelong ya bone e e tletseng. Ee, go bua Mowa wa re, ba sego thata, gonne jaanong ba tlaa ikhutsa mo matsapeng a bone le diteko, gonne ditiro tsa bone tse di molemo di ba sala morago go ya legodimong!”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan