Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:20 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

20 Gonne ke tshela mo tebelelong ya tlhwaafalo le tsholofelo ya gore ga ke kitla ke dira sepe se se tlaa dirang gore ke itlhabelwe ke ditlhong mme ke tlaa nna ke ipaakanyeditse go bua kaga Keresete ka bopelokgale fa ke santse ke tsweletse mo ditekong tse kwano; fela jaaka ke ne ke ntse mo lobakeng lo lo fetileng; mme ke tlaa aga ke tlotlega mo go Keresete, e ka ne e le ka botshelo kgotsa ka loso.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

20 ka fa tebelelong e e bogale ya me ke a solofela gore, ga ke ne ke tlhajwa ke ditlhong, mme le jaanong Keresete o tla godisiwa ka mmele wa me jaaka ka gale, ke le pelo e e phuthologileng, le fa e ka nna ka botshelo gongwe ka loso.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

20 Kaha tlologeleloñ e e thata le culuhelo ea me, ha ki si kitla ki tlabisioa litloñ mo go sepe, mi ka bopelukhale yotle yaka gale, gontse yalo le yana Keresete o tla gorisioa mo meleñ oa me, leha e le ka botselo, leha e le ka loshu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

20 Ka fa tebelelong ya me e e thata, le tsholofelo ya gore, ga nketla ke tlhabisiwa ditlhong ke sepe, fa e se gore, jaaka gale, le gompieno, Keresete o tlaa godisiwa mo mmeleng wa me, le fa e ka ne e le ka botshelo, le fa e ka ne e le ka loso.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:20
41 Iomraidhean Croise  

Jesu o ne a bua jalo go mo itsise loso lo a tlaa lo swang go galaletsa Modimo. Mme Jesu a mo raya a re, “Ntshala morago.”


Mme botshelo ga se sepe fa ke sa bo dirise go dira tiro e ke e neetsweng ke Morena Jesu, tiro ya go bolelela ba bangwe Mafoko a a Molemo kaga lorato le kutlwelo botlhoko e kgolo ya Modimo.


Mme ene a re, “Lo lelelang? Lo mphatlola pelo! Gonne ke ipaakanyeditse gore ke se ka ka tshwarwa fela kwa Jerusalema, mme le gore ke swe ka ntlha ya Morena Jesu.”


Morago ga thapelo e, kago e ba neng ba kopanetse mo go yone ya tshikinyega, mme botlhe ba tlala Mowa O O Boitshepo mme ba rera molaetsa wa Modimo ka bopelokgale.


Ke gone, bagaetsho, ke a lo rapela gore lo neele Modimo mebele ya lona. A mebele ya lona e nne setlhabelo se se tshelang, e le boitshepo, e le mofuta o Modimo o ka o amogelang. Fa lo akanya kaga se o se lo diretseng, a lo fitlhela e le gore se o se lopang se segolo thata.


Mme fa moo go diragala, re kgona go ema re nitame, ga go re sepe gore go diragala eng ebile re itse gore gotlhe go siame, gonne re itse ka fa Modimo o re ratang ka teng, ebile re utlwa lorato lo lo tukang gongwe le gongwe mo go rona gonne Modimo o re neile Mowa O O Boitshepo go tlatsa dipelo tsa rona ka lorato lwa one.


Se letleleleng tokololo epe ya mebele ya lona go nna didirisiwa tsa boleo, go dirisiwa mo go direng boleo; mme ineeleng gotlhelele mo Modimong, tokololo nngwe le nngwe ya lona, gonne lo tswa mo losong mme lo batla go nna didirisiwa tsa Modimo, go dirisiwa mo megopolong ya one e e siameng.


Ke bua jaana, ke dirisa sekai sa batlhanka le barena, gonne se motlhofo go tlhaloganngwa: fela jaaka lo kile lwa bo lo le batlhanka mo mefuteng yotlhe ya boleo, jaanong lo tshwanetse go itetlelela go nna batlhanka mo go gotlhe mo go siameng go bile go itshepile.


Gonne lobopo lotlhe lo letetse lone letsatsi leo ka bopelotelele le ka tsholofelo fa Modimo o tlaa bo o tsosa bana ba one.


Modimo o ba tlhagisitse ka se mo Dikwalong fa o re, ‘Ke beile Lefika mo tseleng ya Bajuta, mme ba le bantsi ba tlaa kgotswa mo go lone, ebong Jesu. Ba ba dumelang mo go ene ga ba kitla ba tlhajwa ke ditlhong.’ ”


Gonne ke boammaaruri gore ke lebagane le loso letsatsi le letsatsi; moo go boammaaruri fela jaaka boipelafatso jwa me mo go goleng ga lona mo Moreneng.


Gonne Modimo o o rekile ka tlhwatlhwa e kgolo. Jalo dirisang bontlha bongwe le bongwe jwa mmele wa lona go galaletsa Modimo, ka gore ke wa one.


Dikgatlhego tsa gagwe di kgaogane. Go tshwana fela le morweetsana yo o nyalwang. O lebana le mathata a a ntseng fela jalo. Morweetsana yo o sa nyalwang o tlhwaafalela go itumedisa Morena ka bojotlhe jwa gagwe le se o se dirang. Mme mosadi yo o nyetsweng o tshwanetse go akanya dilo tse dingwe jaaka go tlhokomela ntlo ya gagwe le go rata le go sa rate ga monna wa gagwe.


Ke ka lebega ke ikgantsha thata go feta jaaka ke tshwanetse go ikgantsha kaga taolo ya me mo go lona, taolo ya go lo thusa, e seng go lo utlwisa botlhoko, mme ke tlaa diragatsa sengwe le sengwe se ke se buileng.


Ere ka re itse gore kgalalelo e ncha e, ga e kitla e nyelela, re ka ruta ka bopelokgale jo bogolo,


Mebele e ya rona ka metlha yotlhe e lebaganye le loso fela jaaka wa ga Jesu Keresete o dirile; jalo go bonala sentle mo go botlhe gore ke Keresete yo o tshelang mo go rona (yo o re babalelang).


O swetse botlhe gore botlhe ba ba tshelang, ba amogele botshelo jo bosakhutleng mo go Ene, ba se ka ba tlhola ba itshelela, go iitumedisa, mme e le go dirisa matshelo a bone go itumedisa Keresete yo o ba swe-tseng a bo a ba tsogela.


Ke mmoleletse ka fa go tlaa nnang ka teng, ke mmoleletse pele ga a ntlogela ka boikgantsho jwa me ka lona, mme ga lo a ka lwa ntlhabisa ditlhong, ke ne ke aga ke lo bolelela boammaaruri ka metlha yotlhe, mme jaanong boikgantsho jwa me ka Tito le jone bo supile boammaaruri!


Ke lo ikantse thata, le boikgantsho jwa me mo go lona bo bogolo. Lo nkgothaditse thata; lo intumedisitse thata le mo dipogisong tsa me tsotlhe.


Mme ka ntlha ya go tshwarwa ga me Bakeresete ba le bantsi kwano ba bonala ba tlogetse letshogo la bone la go tshwarwa! Ka tsela nngwe bobelotelele jwa me bo ba kgothaditse mme ba pelokgale thata mo go boleleleng ba bangwe kaga Keresete.


Mme fa madi a me a botshelo, go bua jalo ke raya gore a tshwanetse go tshelwa mo tumelong ya lona e ke e neelang Modimo e le setlhabelo, mo go raya gore fa ke tshwanetse go swa ka ntlha ya lona, le gone ke tlaa nna ke itumela, mme ke tlaa tlhakanela boitumelo jwa me le mongwe le mongwe wa lona.


Mme bontlha bongwe jwa tiro ya me ke go lo bogela; gape ke a itumela, gonne ke thusa go feleletsa masalela a dipogiso tsa mmele wa ga Keresete, ebong phuthego.


A Modimo wa kagiso ka sebele o lo ntlafatse gotlhelele; gape a mowa wa lona le pelo ya lona le mebele ya lona e nne e nonofile e sena molato go fitlhelela letsatsi leo le Morena wa rona Jesu Keresete a tlaa tlang ka lone gape.


Mme ga go tlhabise ditlhong go bogela go nna Mokeresete. Baka Modimo ka ntlha ya tshwanelo ya go nna mo baneng ba ga Keresete, o bo o bidiwa ka leina la gagwe le lentle!


Mme jaanong bananyana ba me, nnang mo bolekaneng jwa boitumelo le Morena gore e re fa a tla lo bo lo tlhomamisa gore gotlhe go siame, mme ga re na go tlhajwa ke ditlhong re bo re boela kwa morago fa re tshwanetse go mo kgatlhantsha.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan