Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:18 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

18 Mme le fa maikaelelo a bone e ka ne e le eng, boammaaruri ke gore Mafoko a a Molemo kaga Keresete a a rerwa ebile ke a itumela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

18 Mme tseo di ka dirang? Kana Keresete o rerwa ka mokgwa mongwe le mongwe, le fa e le ka boitimokanyo gongwe ka boammaaruri, mme ke sona se ke se itumelelang, e bile ke tla nna ke itumela;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

18 Mi e be e le eñ? e be e le go re, Keresete a reroa ka mekhua eotle, leha e le ka seipato, leha e le ka boamarure; mi ki itumelela mouo; E, ki tla na ki itumela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

18 Mme e be e le eng? E be e le go re ka mekgwa yotlhe, le fa e le ka boitimokanyo, le fa e le ka boammaaruri, Keresete o a bolelwa; mme ke itumelela gone moo; ee, ke tlaa nna ke itumela fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:18
13 Iomraidhean Croise  

“A bo go latlhega lona Bafarasai le baeteledipele ba tumelo. Baitimokanyi! Gonne ga lo letle ba bangwe gore ba tsene mo Bogosing jwa Legodimo, gonne lona ka bolona ga lo tsene. Mme lo ipaya jaaka ekete lo boitshepo ka dithapelo tsa lona tse di telele tsa go itshupa fa pele ga batho mo mebileng, etswa lo leleka batlholagadi mo matlong a bone. Baitimokanyi ke lona!


mme ga ba tlhabiwe ke ditlhong go tsietsa batlholagadi mo matlung a bone, tota ba fitlha gore ke batho ba mekgwa e e ntseng jang, ba dira jaaka o ka re ba obamela Modimo ka go rapela dithapelo tse di telele mo ponong ya batho. Ka ntlha ya go dira jalo katlholo ya bone e tlaa nna e kgolo.”


Mme barutwa ba gagwe ba ne ba sa itse gore o rayang, gonne megopolo ya bone e ne e kaneletswe, ba boifa go mmotsa.


Mme Jesu a re, “Ga lo a tshwanela go ka bo lo dirile jalo! Gonne mongwe le mongwe yo o seng kgatlhanong le lona ke wa lona.”


Jalo he, a rona Bajuta re botoka go na le ba bangwe? Nnyaa, le goka, gonne re setse re supile gore batho botlhe ke baleofi ka go tshwana, a e ka ne e le Bajuta kgotsa Badichaba.


A mo go raya gore re ka nna ra tswelela ra leofa mme ra seka ra tshwenyega ka ga gone? (Gonne poloko ya rona ga e ikaege mo go bolokeng molao; fa e se mo go amogeleng tshegofatso ya Modimo). Nnyaa ga go a nna jalo!


Keleka go reng? A ka re medimo ya disetwa o baheitane ba e leretseng ditlhabelo e a tshela ka boammaaruri le gore ke medimo tota, le gore a ditlhabelo tse di na le tlhwatlhwa nngwe? Nnyaa, ga ke rialo.


Mme jalo he, ke tlaa dirang? Ke tlaa di dira ka bobedi. Ke tlaa rapela ka diteme tse di sa itsiweng le ka puo fela e mongwe a e tlhaloganyang. Ke tlaa opela ka diteme tse di sa itsegeng le ka puo fela ya gale, gore ke tle ke tlhaloganye pako e ke e opelang;


Ga go na pharologanyo epe mo go yo o dirileng thata, nna kgotsa bone; selo sa botlhokwa ke gore re lo reretse Efangele, le gore lo e dumetse.


Ke tlaa nna ke ntse ke itumela, gonne ke itse gore fa lo nthapelela, le Mowa O O Boitshepo o nthusa, mo gotlhe go tlaa fetoga polokego ya me.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan