Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:15 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

15 Ba bangwe, ee, ba rera Mafoko a a Molemo ka ntlha ya gore ba fufegela tsela e Modimo o ntirisang ka yone. Ba batla go kaiwa e le bareri ba ba senang poifo! Mme ba bangwe ba na le maikaelelo a a phepa,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

15 Le gale, bangwe ba rera Keresete ka lefufa le kgang, ba bangwe bona ka pelo e ntle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Rure bañue ba rera Keresete ka bopelutsetla le khañ; mi bañue le bona ka go rata ga molemo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 Le gale bangwe boo ba rera Keresete ka bopelotshetlha le kgang; mme bangwe le bone ka pelo e ntle;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:15
22 Iomraidhean Croise  

“Sengwe le sengwe se ba se dirang ba se direla go bonwa. Ba dira boitshepo ka go apara diaparo tse di maburabura di kwadilwe ditemana tsa dikwalo tsa Modimo ka fa teng, le ka go lelefatsa makgabe a diaparo tsa bone tsa segopotso.


Ke tlhomamisa gore lo utlwile kaga Mafoko a a Molemo a batho ba Iseraele, gore go na le kagiso mo Modimong ka Jesu, Mesia, yo e leng Morena wa (lobopo) lotlhe. Molaetsa o, o aname le Judea yotlhe, o simolotswe ke Johane wa Mokolobetsi mo Galalea.


Le fa go ntse jalo, bangwe ba badumedi ba ba neng ba ya kwa Antioka ba tswa mo Kupero le mo Kurene le bone ba ile ba rerela Bagerika molaetsa wa bone kaga Morena Jesu.


Mme ka malatsi otlhe mo Tempeleng le mo motsing, ba tswelela go ruta le go rera gore Jesu ke Mesia.


Mme jaana Filipo a simolola ka lokwalo lo, le tse dingwe di le dintsi go mmolelela kaga Jesu.


Jaaka Filipo, yo o neng a ya kwa Samaria go bolelela batho ka ga Keresete teng.


mme erile gone fela foo a ya kwa tlung ya thuto go bolelela mongwe le mongwe Mafoko a a Molemo kaga Jesu, gore tota ke Morwa Modimo!


Mme o tlaa otlhaya setlhogo ba ba tlhabantshang boammaaruri jwa Modimo ba tsamaya mo ditseleng tse di bosula, bogale jwa Modimo bo tlaa ba wela godimo.


Jalo fa re rera kaga Keresete jaaka a swetse go ba boloka, Bajuta ba a kgopisega mme Badichaba bone ba re ke diphirimisi fela.


Fa ke abetse bahumanegi sengwe le sengwe se ke nang naso, le fa e le gore ke tshubetswe go rera Mafoko a a Molemo, mme ke ne ke sa rate ba bangwe, go ka bo go sena molemo ope.


Timotheo le Selefano le nna re ntse re lo bolelela kaga Jesu Morwa Modimo. Ga se yo o reng “ee” fa a raya “nnyaa”. O aga a dira fela se a se buang.


Modimo ga o a roma batho bao gotlhelele; ke “batsietsi” ba ba lo tsietsang gore lo gopole gore ke baaposetoloi ba ga Keresete.


Gonne ke boifa gore fa ke lo etela ga nke ke rate se ke se fitlhelang, mme jalo ga lo kitla lo rata mokgwa o ke tlaa dirang ka one. Ke boifa gore ke tlaa fitlhela lo omana, lo fufegelelana, lo gakalelana, lo ikgogomosa lo buana leswe, lo sebana lo tletse mabela le dikgaogano.


Ga re tsamaye re rera kaga rona, mme fa e se ka ga Keresete Jesu jaaka Morena. Gotlhe mo re go buang ka ga rona ke gore re batlhanka ba lona ka ntlha ya se Keresete o se re diretseng.


Le potso eo tota e ka bo e sa bodiwa fa e se ka ntlha ya bangwe ba go kabong gotwe ke “Bakeresete” teng koo, mme e le Bakeresete ba e seng bone—ba ba neng ba tletse go re tsaya dinopolo le go bona gore kgololesego e re neng re e e ja monate mo go Keresete Jesu e ne e le efe, jaaka gore a re ne re obamela melao ya Sejuta kgotsa nnyaa. Ba ne ba leka go re golegelela rotlhe mo melaong ya bone ya Sejuta, makgoba mo dikeetaneng.


Lo seka lwa nna pelotshetlha; lo seka lwa dira ditiro tse di molemo gore lo tlotlomadiwe. Ikokobetseng, lo tseye ba bangwe jaaka ekete ba botoka mo go lona.


Go boammaaruri tota gore go tshelela Modimo ga go motlhofo. Mme karabo e mo go Keresete, yo o tsileng mo lefatsheng a le mo setshwanong sa motho, yo o supegileng a sena selabe a bile a itshekile mo Moweng wa gagwe, yo o diretsweng ke baengele, a rerwa mo dichabeng, a amogelwa ke batho gongwe le gongwe mme a amogelwa gape mo kgalalelong ya gagwe kwa legodimong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan