Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:14 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

14 Mme ka ntlha ya go tshwarwa ga me Bakeresete ba le bantsi kwano ba bonala ba tlogetse letshogo la bone la go tshwarwa! Ka tsela nngwe bobelotelele jwa me bo ba kgothaditse mme ba pelokgale thata mo go boleleleng ba bangwe kaga Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

14 mme bontsi jwa bakaulengwe ba tlala boikanyo mo Moreneng ka kgolego ya ka, ba be ba beta pelo bogolo go pele go bolela Lefoko la Modimo, ba sa boife sepe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Mi bogolu yoa bakauleñue ba ba mo Moreneñ ba ikantse bogolu ka kholego tsa me, ba na bonatla bogolu go bua lehuku esiñ ka poiho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 bontsi jwa bakaulengwe ba ba mo Moreneng, ka ba ikantse dikgolego tsa me, ba nna tshosologo bogolo go bua lefoko la Modimo ba se na poifo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:14
16 Iomraidhean Croise  

Hong Jesu a raya monna a re a tle go ema fa pele ga phuthego.


le go re naya tshwanelo ya go direla Modimo kwa ntle ga poifo, re golotswe mo babeng ba rona.


Ere ka re itse gore kgalalelo e ncha e, ga e kitla e nyelela, re ka ruta ka bopelokgale jo bogolo,


Ke lo ikantse thata, le boikgantsho jwa me mo go lona bo bogolo. Lo nkgothaditse thata; lo intumedisitse thata le mo dipogisong tsa me tsotlhe.


Ke gone tswee-tswee se lapisiweng dipelo ke se ba se ntirang kwano. Ke bogela lona mme lo tshwa-netse go ikutlwa e le tlotlo mo go lona lwa ba lwa tsenya marapo dinameng.


Gonne ke tshela mo tebelelong ya tlhwaafalo le tsholofelo ya gore ga ke kitla ke dira sepe se se tlaa dirang gore ke itlhabelwe ke ditlhong mme ke tlaa nna ke ipaakanyeditse go bua kaga Keresete ka bopelokgale fa ke santse ke tsweletse mo ditekong tse kwano; fela jaaka ke ne ke ntse mo lobakeng lo lo fetileng; mme ke tlaa aga ke tlotlega mo go Keresete, e ka ne e le ka botshelo kgotsa ka loso.


Go ntshiametse jang go ikutlwa jaaka ke ikutlwa kaga lona, gonne lo na le bonno jo bo faphegileng mo pelong ya me. Re abelanye masego a Modimo rotlhe, fa ke le mo kgolegelong le fa ke dule, ke femela boammaaruri ebile ke bolelela ba bangwe kaga Keresete.


Bakaulengwe ba me ba ba rategang, ke a lorata ebile ke tlhwaafaletse go lo bona, gonne lo boitumelo jwa me le tuelo ya ditiro tsa me. Ditsala tse di rategang, nnang boammaruri mo Moreneng.


Rapelang gore ke tle ke nne pelokgale go a bolela ke lokologile le ka botlalo, le go a dira gore a tlhaloganngwe, jaaka tota, ke tshwanetse.


Tukiko, mokaulengwe wa rona yo o rategang thata, o tlaa lo bolelela ka fa ke tswelelang ka teng. Ke modiri yo o senatla ebile o direla Morena le nna.


Lo itse gore re ne ra sotlwa jang kwa Filipi pele ga re tla kwa go lona, le gore re bogile go le kae teng. Le fa go ntse jalo Modimo o ne wa re naya kgothatso go boelela molaetsa o mo go lona ka bopelokgale, le fa re ne re dikaganyeditswe ke baba.


Ke ka ntlha ya gore ke rerile boammaaruri jo bogolo jo, ke gone ka moo ke leng fano mo matshwenyegong ebile ke tsentswe mo kgolegelong jaaka serukhutlhi. Mme Lefoko la Modimo lone ga le a golegwa, le fa nna ke golegilwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan