Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:13 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 Gonne mongwe le mongwe kwano, le kwa masole otlhe a nnang teng ba itse gore ke mo dikgoleng fela ka ntlha ya gore ke Mokeresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

13 mo go bileng ga senoga mo bafemeding botlhe ba Kaisara le mo go ba bangwe botlhe gore ke golegilwe ka ntlha ya ga Keresete

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Ga tsamaea likholego tsa me mo go Keresete tsa bonatsega mo tluñ eotle ea khosi, le mo maheloñ aotle;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 ga tsamaya dikgolego tsa me tsa bonatshega ka Keresete mo mophatong otlhe wa molaodi wa motse, le mo go botlhe ba bangwe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:13
17 Iomraidhean Croise  

Mme Paulo a fetola a re, “Mo Modimong le fa mafoko a me a le bokoa kgotsa a nonofile, wena le botlhe ba ba leng fano mo bathong ba ba tsileng go reetsa ba, lo ka nna jaaka nna, ke sa reye lo golegilwe ka dikeetane tse.”


Mme erile ba ntse ba buisanya kgang e, ba dumalana jaana ba re, “Monna yo ga a dira sepe se se tshwanetseng loso kgotsa go tsenngwa mo kgolegelong.”


Mme erile malatsi a mararo a sena go feta, a bitsa bagolwane ba Bajuta botlhe ba motse mme a ba raya a re: “Bakaulengwe ke ne ke tshwerwe ke Bajuta kwa Jerusalema mme ka isiwa kwa mmusong wa Roma gore ke sekisiwe, ntswa ke ne ke sa utlwisa ope botlhoko kgotsa go tsuolola ngwao ya borraetsho mogologolwane.


Ke lo kopile go tla fano gompieno gore re itsanye le gore ke lo bolelele gore ke golegilwe ka dikeetane ka ntlha ya gore ke dumela gore Mesia o tsile.”


Mme Paulo o ne a nna dingwaga tse pedi mo tlung e o neng a e hirile, mme a amogela botlhe ba ba neng ba mo etela,


Nna Paulo, motlhanka wa ga Keresete, ke fano mo kgolegelong ka ntlha ya lona, ka go rera gore le lona Badichaba lo bontlha bongwe jwa ntlo ya Modimo.


Ke a lo kopa, nna yo ke leng legolegwa mo kgolegelong ka ntlha ya go direla Morena, gore lo tshele lo bo lo sepele ka fa tseleng e e tshwanetseng ba ba tlhophetsweng masego a mantle jaaka one a.


Jaanong ke golegilwe ka ntlha ya go rera molaetsa o o tswang kwa Modimong. Mme rapelang gore ke tle ke nne ke tswelele go o buelela ka bopelokgale le mo kgolegelong, jaaka ke tshwanetse.


Re mo ntweng e mmogo. Lo mponye ke mmogela mo lobakeng lo lo fetileng; mme le gompieno ke santse ke le fa gare ga ntwa e kgolo e e boitshegang, jaaka lo itse sentle.


Go ntshiametse jang go ikutlwa jaaka ke ikutlwa kaga lona, gonne lo na le bonno jo bo faphegileng mo pelong ya me. Re abelanye masego a Modimo rotlhe, fa ke le mo kgolegelong le fa ke dule, ke femela boammaaruri ebile ke bolelela ba bangwe kaga Keresete.


Le Bakeresete botlhe ba ba kwano ba a lo gakologelwa, bogolo jang ba ba dirang mo tlung ya segosi ya ga Kaesara.


Ke ka ntlha ya gore ke rerile boammaaruri jo bogolo jo, ke gone ka moo ke leng fano mo matshwenyegong ebile ke tsentswe mo kgolegelong jaaka serukhutlhi. Mme Lefoko la Modimo lone ga le a golegwa, le fa nna ke golegilwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan