Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:11 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11 Tswelelang ka go dira tshiamo ka nako tsotlhe, dilo tse di molemo tse di supang gore lo bana ba Modimo gonne se se tlaa tlisa pako e kgolo le kgalalelo mo Moreneng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

11 lo nne ba ba tletseng maungo a tshiamo a a leng ka Jesu Keresete go nna tlotlo le poko ya Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Lo tlarioa ka mauñuo a tsiamo, a a leñ khalalelo le pako go Morimo, ka Yesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 ka go tladiwa maungo a tshiamo, a a leng kgalaletso le pako ya Modimo ka Jesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:11
34 Iomraidhean Croise  

“Ga lo a ntlhopha! Ke nna ke lo tlhophileng! Ke lo tlhomile go ya go ntsha maungo a mantle malatsi otlhe, gore le fa e le eng se lo se kopang mo go Rara, lo dirisa leina la me, o tlaa se lo neela.


O kgaola kala nngwe le nngwe e e sa ungweng. Mme o ntlafatsa dikala tse di ungwang gore di ungwe thata.


Barutwa ba me ba boammaaruri ba ungwa thobo e kgolo thata. Mme go tlisa kgalalelo e kgolo thata mo go Rre.


E tlaa re fela ke sena go gorosa madi a, le go fetsa tiro e ya bone e e molemo, ke tlaa tla go lo bona ke le mo tseleng ya me ya go ya Sepaina.


Mme jaanong lo gololesegile mo nonofong ya boleo lo batlhanka ba Modimo, mme thobo ya lona mo go one ke boitshepo le botshelo jo bo sa khutleng.


Go siame, ke tlaa lo bolelela gore ke eng. Ke ka gore o tshwanetse go dira sengwe le sengwe mo kgalaletsong ya Modimo, le e leng go ja le go nwa ga gago.


Gonne Modimo, o o nayang molemi peo go lema, mme morago, o mo neye thobo e e siameng go ja, o tlaa nna o lo naya peo gore lo leme, ebile o tlaa e godisa gore lo tle lo abele ba bangwe mo thobong ya lona.


Maikaelelo a Modimo mo go lone leano le, e ne e le gore re galaletse Modimo re bo re o neye kgalalelo ka ntlha ya go re direla dilo tse dikgolo tse, rona ba re neng ra nna ba ntlha go re direla dilo tse di kgolo tse, rona ba re neng ra nna ba ntlha go ikanya Keresete.


Go nna teng ga gagwe mo go rona ke tlhomamiso ya Modimo gore tota o tlaa re neela gotlhe mo o go re solofeditseng; mme sekano sa mowa O O Boitshepo mo go rona se raya gore Modimo o setse o re rekile, le gore o tlhomamisa go re busetsa kwa go one. Ke lone fela lebaka le lengwe le re tshwanetseng go galaletsa Modimo wa rona wa kgalalelo ka lone.


Ke Modimo ka bo one o o re dirileng se re leng sone wa bo wa re naya matshelo a masha a a tswang kwa go Keresete Jesu; mme mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng o ne wa loga leano la gore re tshwanetse go dirisa matshelo go thusa ba bangwe.


Mme ka ntlha ya lesedi le, le le mo go lona, lo tshwanetse go dira fela se se molemo, se siame ebile gape se le boammaaruri.


Mme le fa ke itumelela dimpho tsa lona, se se itumedisang thata ke kamogelo e ntle ya tuelo e lo tlaa e bonang ka ntlha ya tshiamo ya lona.


le go kopa gore tsela e lo tshelang ka yone e itumedise Morena ka metlha yotlhe lo bo lo mo tlotle, gore lo age lo dira, dilo tse di molemo mo go ba bangwe, lo ntse lo tswelela go ithuta go itse Modimo botoka.


One Mafoko a a Molemo a, a a tsileng kwa go lona, a anamela mo lefatsheng lotlhe ebile a fetola matshelo a batho gongwe le gongwe, fela jaaka a fetotse matshelo a lona ka lone letsatsi le lo neng lo a utlwa ka lone lwa ba lwa tlhaloganya ka ga kutlwelo botlhoko e kgolo ya Modimo mo baleofing.


Mme mongwe le mongwe o tlaa galaletsa leina la Morena Jesu Keresete ka ntlha ya maungo a ba a bonang mo go lona; mme kgalalelo ya lona e kgolo e tlaa bo e le gore lo ba gagwe. Kutlwelo botlhoko ya Modimo wa rona le ya Morena Jesu e dirile gore mo gotlhe go kgonege mo go lona.


Gonne batho ba ga rona ba tshwanetse go ithuta go thusa botlhe ba ba tlhokang thuso ya bone, gore matshelo a bone a tle a nne le loungo.


Go otlhaiwa ga go monate fa go sa ntse go diragala, go utlwisa botlhoko! Mme kwa morago re ka bona maduo a gone, go gola mo kagisong mo kutlwelo botlhokong le mo bothong.


Nnang kelotlhoko ka fa lo itshwarang ka teng mo go bangwe ka lona ba ba sa bolokwang; gonne le fa ba lo belaela ba bua kaga lona ba tlaa fetsa ba baka Modimo ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo fa Keresete a bowa.


Mme jaanong lo fetogile maje a kago aa tshelang go dirisiwa ke Modimo mo go ageng ntlo ya One. Se sengwe se segolo, lo baperesiti ba One ba ba boitshepo; jalo tlang kwa go One. (Lona ba lo amogelesegang mo go One ka ntlha ya ga Jesu Keresete), mme lo abele Modimo dilo tse di O itumedisang.


Mme ga lo a nna jalo, gonne lo tlhophilwe ke Modimo ka bo One, lo baperesiti ba Kgosi, lo boitshepo ebile lo a galalela, lo ba Modimo tota, tse tsotlhe e le gore lo tle lo supegetse ba bangwe ka fa Modimo o lo biditseng ka teng go lo ntsha mo lefifing go tsena mo leseding la one le le ntle.


Itumele fa o hutsiwa o bo o tlhapadiwa ka ntlha ya go nna Mokeresete, gonne fa moo go diragala, Mowa wa Modimo o tlaa tla mo go wena ka kgalalelo e kgolo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan