Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:10 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

10 Gonne ke batla gore ka nako tsotlhe lo bone sentle pharologanyo fa gare ga molemo le bosula, le gore lo bo lo nne phepa ka fa teng, go se ope yo o ka lo nyatsang go tloga jaanong go fitlhelela Morena wa rona a tla.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

10 le gore lo tlhotlhomise dilo tse di batlegang gore lo nne bopelophepa, lo se kgopise go ya letsatsing la ga Keresete,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Gore lo leke lilo tse ri sa cuaneñ; gore lo ne lo sa pekoa, le go bisa go khopisa, go ea motleñ oa ga Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 gore lo ke lo dumalane le dilo tse di molemo, gore lo ke lo nne peloephepa le botlhoka sekgopi, go ya go fitlha mo motlheng wa ga Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:10
43 Iomraidhean Croise  

Jesu a retologela kwa go Petere a re, “Tloga fa go nna, Satane ke wena! O lemena le le diphatsa mo go nna. O akanya ka fa batho ba bonang ka teng, e seng ka fa Modimo o akanyang ka teng.”


Petere a mo fetola a re, “Fa botlhe ba ka go tlogela, nna ga ke na go go tlogela.”


Ya re ba atamela Jesu a re, “Monna yo o ikanyegang ke yo o e tla, Moiseraele wa boammaaruri.”


Ba ila Lesedi la legodimo gonne ba ne ba batla go leofa mo lefifing. Ba nna kgakala le Lesedi leo gonne ba ne ba tshaba gore dibe tsa bone di tlaa bewa mo pontsheng, mme ba otlhaiwe.


Mme ka ntlha ya se, ke leka ka bojotlhe gore ka metlha yotlhe ke nne le pelo e e senang sekgopi fa pele ga Modimo le batho.


Se gapiweng ke mokgwa le ngwao ya lefatshe leno, mme nnang batho ba basha ba ba pharologanyo ba na le maikutlo a masha mo go tsotlhe tse ba di dirang le tse ba di akanyang. Mme lo tlaa itemogela ka fa ditsela tsa Modimo di tlaa lo itumedisang ka teng.


Se ipeye fela jaaka o ka re o rata ba bangwe: Ba rate ka boammaaruri. Ila se se sa siamang. Ema le bomolemo.


Mme legale go santse go na le sengwe se ke batlang go se bua pele ga ke fetsa lokwalo lo. Tswang mo go ba ba dirang dikgaogano ebile ba senya tumelo ya boammaaruri ya batho, ba ruta dilo kaga Jesu tse di kgatlhanong le se lo se rutilweng.


Ee, lo itse se o se batlang; lo itse pharologanyo ya bosula le molemo mme lo rata tshiamo gonne lo rutilwe melao ya one go tsweng bonyaneng jwa lona.


Ke itse sentle gore se ke se dirang ga se a siama, le letswalo la me le le sa siamang le supa gore ke dumalana le melao e ke e robang.


Ke rata go dira go rata ga Modimo fela kafa tlholegong yame e ncha e ntseng ka teng;


gonne tlholego e kgologolo ya boleo e e mo go rona e kgatlhanong le Modimo. Ga e ise e ke e bo e obamele melao ya Modimo mme le gone ga e kitla e e obamela.


O tlaa lo tlhomamisa go ya bokhutlong gore lo tlhokisiwe boleo le molato ka letsatsi le o tlaa bowang ka lone.


Jalo se nne sekgopi mo go ope, le fa e ka bo e le Bajuta, kgotsa Badichaba kgotsa Bakeresete.


Jalo fa nama e e ntshediwang medimo ya disetwa e tlaa leofisa mokaulengwe wa me, ga nkitla ke e ja mo botshelong jwa me, ka gore ga ke batle go mo leofisa.


Re itumela thata gore ka boikanyego jotlhe mo ditirong tsa rona tsotlhe re ne re itshekile ebile re le pelo e phepa, re ikanya mo Moreneng ka tshisibalo gore a re thuse, e seng ka fa botlhaleng jwa rona. Mme mo go boammaaruri jo bogolo, fa go kgonega, kaga mokgwa o re o dirisitseng mo go lona.


Ke bao fela ba ba tshwanang le rona, batho ba ba itekanetseng ba ba romilweng ke Modimo, ba bua ka nonofo ya ga Keresete, le leitlho la Modimo le re okame. Ga re tshwane le ba ba bapalang ka Lefoko la Modimo, ebile ba bantsi thata, ba megopolo ya bone mo go tsamaiseng Efangele e leng ipapalelo ka yone.


Re leka go tshela ka tsela e e siameng gore ope a se ka a dira molato kgotsa a boela kwa morago mo go batleng Morena ka tsela e re dirang ka yone, gore ope a se ka a re bona molato a ba a o baya mo Moreneng.


Ga ke lo neye taolo, ga ke re lo e dire, mme bangwe ba a e eletsa. Se ke tsela e le nngwe go supa gore lorato lwa lona ke lwa boammaaruri, gore lo feta mafoko fela.


Batho bangwe ba re Nna tota ke rera gore thupiso le melao ya Sejuta di tlhokega mo leanong la poloko. Jalo he, fa e le gore ke rerile jalo, ke ka bo ke sa tlhole ke bogisiwa, gonne molaetsa oo ga o kgopise ope. Lebaka le ke santseng ke bogisiwa ka lone, le supa gore ke santse ke rera poloko ka tumelo mo mokgorong wa ga Keresete a le nosi.


Mo boemong jwa go fetola megopolo ya rona mo go se re se dumelang, re tlaa sala morago boammaaruri ka lorato ka dinako tsotlhe, re bua boammaaruri, re dira ka boammaaruri, re tshela ka boammaaruri, mo tseleng nngwe le nngwe re nna jaaka Keresete yo o leng Tlhogo ya mmele wa gagwe, ebong phuthego. Ka fa ketelellong ya pele ya gagwe mmele otlhe o kitlanye sentle, mme tokololo nngwe le nngwe mo tirong ya yone ya botlhokwa e thusa ditokololo tse dingwe gore mmele otlhe o itekanele o gole o bo a tlale lorato.


Ithuteng se se itumedisang Morena fa lo ntse lo tsweletse.


gore a tle a ineye phuthego ka sebele e le phuthego e e galalelang e e senang selabe kgotsa go sosobagana kgotsa bogole, e le boitshepo ebile e sena le fa e le phoso epe.


A tshegofatso le masego a Modimo a nne le botlhe ba ba ratang Morena wa rona Jesu Keresete ka boammaaruri.


ba rera ka ntlha ya gore ba a nthata, gonne ba itse gore Modimo o ntlisitse kwano go ntirisa go femela boammaaruri mme bangwe ba rerela go ntira gore ke fufege, ba gopola gore go fenya ga bone go tlaa ntsifatsa bohutsana jwa me mo kgolegelong!


Mme ke tlhomamisa gore Modimo o o simolotseng tiro e e molemo mo go lona o tlaa lo thusa go gola mo tshegofatsong ya one go fitlhelela tiro e kgolo mo go lona e fela ka letsatsi la fa Jesu Keresete a boa.


lo ba tsholetse Lefoko la Botshelo. Mme fa Keresete a boa, ke tlaa itumela jang gore tiro ya me mo go lona e ne e atlegile thata.


Mo go tlaa dira gore dipelo tsa lona di nonotshiwe, di tlhoke boleo di bo di itshepisiwe ke Modimo Rraa rona, gore lo tle lo eme fa pele ga one mo letsatsing leo lo sena molato fa Morena wa rona Jesu Keresete a bowa le botlhe bao ba e leng ba gagwe.


mme sekasekang sengwe le sengwe se se buiwang gore lo tlhomamise gore se boammaaruri, mme fa se le boammaaruri, se amogeleng.


A Modimo wa kagiso ka sebele o lo ntlafatse gotlhelele; gape a mowa wa lona le pelo ya lona le mebele ya lona e nne e nonofile e sena molato go fitlhelela letsatsi leo le Morena wa rona Jesu Keresete a tlaa tlang ka lone gape.


Ditsala tse di rategang, se dumeleng sengwe le sengwe se lo se utlwang fela ka gore mongwe a re ke molaetsa o o tswang kwa Modimong. O sekasekeng go bona gore a ke one tota. Gonne go setse go na le baruti ba le bantsi ba e seng ba boammaaruri,


ke itse dilo tse di molemo tse o di dirang. Ke bonye tiro ya gago e e bokete e o e dirileng le bopelotelele jwa gago, ke a itse gore ga o itshokele boleo mo malokong a phuthego ya gago, ebile o sekasekile ka kelotlhoko ba ba ipitsang baaposetoloi mme e se bone. O bonye ka fa ba akang ka teng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan