Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 4:2 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 Mme ga lo kitla lo senya lobaka lwa lona ka go tsamaya mo dithatong tse di bosula, mme lo tlaa tlhwaafalela go dira go rata ga Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

2 gore mo sebakeng se se sa ntseng se setse sa go phela a se tlhole a phelela dikeletso tsa batho, mme a phelele thato ya Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Gore a si tlole a tselela keleco tsa bathu, mi a tselela thato ea Morimo, ka motla oa gague o o setseñ mo nameñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 gore e tle e re mo lobakeng lo lo setseng lwa nama, lo bo lo sa tlhole lo tshelela dithato tsa batho, fa e se go rata ga Modimo fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 4:2
35 Iomraidhean Croise  

Mme a oketsa ka gore, “Le fa ele mang yo o reetsang Rre kwa Legodimong ke nnake, kgaitsadiake le mme.”


jalo le bone a ba romela mo masimong a gagwe, a ba bolelela gore o tlaa ba duela fela se se ba tshwanetseng fa letsatsi le phirima.


Ke ofe mo go ba babedi yo o neng a dira go rata ga ga rraagwe?” Ba fetola ba re, “Ke wa ntlha.” Hong Jesu a tlhalosa se a se rayang a re: “Ammaaruri batho ba ba bosula le basadi ba diaka ba tlaa lo raka mo Bogosing.


“Ga se botlhe ba ba buang boModimo ba ba ntseng jalo. Ba ka mpitsa ‘Morena’ mme ga ba kitla ba ya legodimong. Gonne potso ya botlhokwa ke gore a ba reetsa Rre yo o kwa legodimong.


Mongwe le mongwe yo o dirang go rata ga Modimo ke nnake, ke kgaitsadiake, ke mme.”


Gonne go tswa mo dipelong tsa batho, go tswa dikakanyo tse di bosula, tsa dikeletso, bogodu, go bolaya, boaka,


Botlhe ba ba dumelang se, ba tsalwa sesha eseng ga senama mo go tswang mo thatong ya motho kgotsa leano; mme go tswa mo go rateng ga Modimo.


Fa mongwe wa lona a ikaelela go dira go rata ga Modimo ka boammaaruri, hong lo tlaa itse gore a thuto ya me e tswa Modimong kgotsa ke ya me fela.


Se gapiweng ke mokgwa le ngwao ya lefatshe leno, mme nnang batho ba basha ba ba pharologanyo ba na le maikutlo a masha mo go tsotlhe tse ba di dirang le tse ba di akanyang. Mme lo tlaa itemogela ka fa ditsela tsa Modimo di tlaa lo itumedisang ka teng.


Ga re itaolele go tshela le go swa jaaka rona re ne re ka itlhophela.


Jalo he, tsaya tlholego ya gago e kgologolo ya sebe jaaka e ka bo e sule e sa tsaalane molelo le sebe, mme mo boemong jwa go utlwana le sebe tshelela Modimo, o tlhomame mo go one, ka Jesu Keresete Morena wa rona.


Nnyaa ga go a nna jalo! A re tshwanetse go nna re dira dibe fa re sa tshwanela? Gonne nonofo ya sebe e e neng e re imelela e robilwe fa re nna Bakeresete ra bo ra kolobediwa go nna tokololo ya ga Keresete; ka loso lwa gagwe.


“Monna wa gago,” mong wa gago e kile ya ne e le molao wa Sejuta; mme o ne wa “swa” jaaka o ka re o swa le Keresete mo mokgorong; mme ka o “sule”, ga o sa tlhole o “Nyetswe ke molao,” le gone molao ga o sa tlhole o na le taolo mo go wena. Mme o ne wa boela mo botshelong gape fa Keresete a rula, jalo he o motho yo mosha. Mme jaanong o “nyetswe,” go bua jalo ke raya gore, o nyetswe ke yo o tsogileng mo baswing, gore o tle o ungwe loungo lo lo siameng, ke gore ditiro tse di siameng tsa Modimo.


O swetse botlhe gore botlhe ba ba tshelang, ba amogele botshelo jo bosakhutleng mo go Ene, ba se ka ba tlhola ba itshelela, go iitumedisa, mme e le go dirisa matshelo a bone go itumedisa Keresete yo o ba swe-tseng a bo a ba tsogela.


Rotlhe re kile ra bo re ntse fela jaaka ba ntse, matshelo a rona a supa bosula jo bo mo go rona, re dira sengwe le sengwe sa boikepo se dikeletso tsa rona kgotsa megopolo ya rona e e bosula e neng e re gogela mo go sone. Re ne ra simolola ka bomaswe, re tsetswe ka ditlholego tse di bosula, ra bo ra nna mo bogaleng jwa Modimo fela jaaka mongwe le mongwe.


Mmang ke bue jaana, ka go bua jalo ke buelela Morena: se tlholeng lo tshela jaaka ba ba sa bolokwang ba tshela, gonne ba foufaditswe ebile ga ba sa tlhole ba itse se e leng boammaaruri. Dipelo tsa bone tse di tswetsweng di tletse ka lefifi; ba kgakala thata le botshelo jwa Modimo gonne ba o tswaletse megopolo ya bone, mme ga ba kake ba tlhaloganya ditsela tsa one.


Se direng sepe lo sa akanya, mme lekang go tlhotlhomisa pele ke gone lo itse go dira le fa e le eng se Morena o batlang lo se dira.


Se direng thata fela fa Mongwa lona a lo lebeletse mme lwa nnela go tshameka fa a sa lo lebelela; dirang thata ka boitumelo nako yotlhe, jaaka lo ka bo lo direla Keresete, lo dira go rata ga Modimo ka dipelo tsa lona tsotlhe.


Jalo he, e sale e re fela re utlwa kaga lona re bo re tswelela re rapela re kopa Modimo go lo thusa go tlhaloganya se o batlang lo se dira, le go tlhaloganya dilo tsa semowa;


Lo se ka lwa ba lwa nna le fa e le keletso ya lefatshe leno, fela jaaka motho yo o suleng. Botshelo jwa lona tota bo kwa legodimong kwa go Keresete le Modimo.


Epaferase, yo o tswang mo motseng wa lona, motlhanka wa ga Keresete Jesu, o a lo dumedisa. O lo rapelela ka tlhwaafalo malatsi otlhe, a kopa Modimo go lo nonotsha le go lo dira boitekanelo le go lo thusa go itse go rata ga One mo go sengwe le sengwe se lo se dirang.


Lebogang ka malatsi otlhe go sa re sepe gore go diragala eng, gonne mo ke go rata ga Modimo mo go lona ba lo leng ba ga Keresete Jesu.


Gape e ne e le letsatsi le le itumedisang mo go One fa o re naya matshelo a masha, ka boammaaruri jwa Lefoko la one, mme re ne ra nna jaaka ekete re bana ba One ba ntlha mo go ba ntlo ya One e ncha.


Utlwang Modimo gonne lo bana ba One; se boeleng gape mo mekgweng ya lona ya bogologolo, lo dira bosula ka go bo lo ne lo sa itse tshiamo.


Ke gone tlogelang maikutlo a lona a kilo. Se itirengjaaka e ka re lo siame! Latlhang go tlontlololana le mafufa le ditshebo.


Mme lefatshe leno le a fela, mme dilo tse di bosula tse di idiwang tse di tlaa fela le lone, mme le fa e le mang yo o tswelelang a dira go rata ga Modimo o tlaa tshelela ruri.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan