1 Petero 1:2 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha2 Ditsala tse di rategang, Modimo Rara o lo tlhophile bogologolo e bile o itsile gore lo tlaa nna bana ba one. Mme Mowa o o Boitshepo o ntse o dira mo dipelong tsa lona, o lo tlhatswa ka madi a ga Jesu Keresete go lo dira gore lo mo itumedise. A Modimo o lo segofatse thata mme o lo okeletse kgololesego mo tlalelong yotlhe le poifo. Faic an caibideilSetswana 19702 ka fa maikaelelong-pele a Modimo Rara ka boitshepiso jwa Mowa, gore ba utlwe Jesu Keresete, ba kgatshiwe ka madi a gagwe: A bopelotlhomogi le kagiso di lo ntsifalele! Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)2 Ba ba itseñkecoeñ kaha kicoñ e e itsetseñ pele ea Morimo Rra, ka boitsephisho yoa Moea, go kutlo le khaco ea mari a ga Yesu Keresete: Tsegohaco le kagisho li lo ntsihalele. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo2 ba ba itshenketsweng ka fa kitsetongpele ya Modimo Rara, ka go itshepisiwa ke Mowa, go tla ba bona kutlo, le kgatsho ya madi a ga Jesu Keresete. Ka re: Tshegofatso e nne le lona le kagiso e lo totafalele. Faic an caibideil |
Mme jaanong, ka Keresete, tshiamo yotlhe ya Modimo e goromeleditswe mo go rona baleofi ba e neng e sa re tshwanela; mme jaanong o re roma mo tikologong ya lefatshe go bolelela batho botlhe gongwe le gongwe kaga dilo tse dikgolo tse Mo-dimo o di ba diretseng, gore le bone ba tle ba dumele ba o obamele.
Nnyaa, Modimo ga o a latlha batho ba e leng ba one ba o saleng o ba itlhophela go tsweng tshimologong. A lo gakologelwa se Dikwalo di se buang ka ga se? Elija moporofiti o ne a ngongorega mo Modimong kaga Bajuta, a bolelela Modimo ka fa ba bolaileng baporofiti ka teng ba bo ba rutlolola dibeso tsa Modimo; Elija o ne a bua gore e ne e le ene fela yo o setseng mo lefatsheng lotlhe a santse a rata Modimo, mme le ene ba ne ba leka go mmolaya.
Ditlhabano tse di ka fenya dikganetsanyo tse di tletseng boikgodiso tse di kgathanong le Modimo le dipotana dingwe le dingwe tse di ka agiwang go kgoreletsa batho go mmona. Ka ditlhabano tse, ke ka gapa dirukhutlhi, ka bo ka di busetsa mo Modimong, ka bo ka di fetola go nna batho ba dikeletso tsa dipelo tsa bone di obamelang Keresete.
E re ka lo tlhophilwe ke Modimo o o lo neileng mofuta o wa botshelo jo bosha, gape le ka ntlha ya lorato lwa one lo logolo le ka go lo tlhobaelela, lo dire kutlwelo-botlhoko le lorato le bopelonomi mo go ba bangwe. Se tshwenyegeng kaga go dira mogopolo o o siameng mo go bone mme nnang lo ipaakanyeditse go boga ka tidimalo le ka bopelotelele.
Gape e ne e le ka ntlha ya gore o ne a dumela gore Modimo o tlaa boloka batho ba one jaaka a ba laotse go bolaya kwana, ka fa Modimo o neng o ba laotse go dira ka teng le go kgatsha madi mo mepakong ya dikgoro tsa matlo a bone, gore Moengele yo o boitshegang wa Loso wa Modimo a se ka a ama ngwana ope wa ntlha wa mosimane mo malapeng ao, jaaka o ne wa dira mo Baegepetong.