Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yone 3 - Setswana 1970


Thero ya ga Jona le tlhabologo ya batho ba Ninife

1 Jaanong Lefoko la Morena la tla kwa go Jona la bobedi la re:

2 “Tloga o ye kwa motseng o mogolo wa Ninife, o rere thero teng e ke tla e go bolelelang.”

3 Ke fa Jona a nanoga, a ya kwa Ninife ka fa Lefokong la Morena. Mme Ninife e ne e le motse o mogolo fa pele ga Modimo, o o boatlhamo jwa tsamao ya malatsi a mararo.

4 Ya re Jona a simolola go tsena mo motseng, a tsamaya leeto la letsatsi le le lengwe, a tlhaba mokgosi a re: “Ninife o tla ribegediwa, malatsi a 40 a sena go feta!”

5 Mme banna ba Ninife ba dumela mo Modimong, ba opa mokgosi o o reng: “Itimeng dijo!” Ba apara diaparo tsa boikwatlhao, ba bagolo le ba bannye.

6 E rile mafoko a, a fitlha kwa kgosing ya Ninife, ya nanoga mo sedulong sa yona sa bogosi, ya apola kobo ya yona ya bogosi, ya apara masela a boikwatlhao, ya nna mo moloreng,

7 ya tlhaba mokgosi mo Ninife o o reng: “Ka taolo ya kgosi le dikgosana tsa yona, utlwang: ‘A batho ba se ka ba ja sepe, le fa e le diphedi, e leng dikgomo le difutshane; a di se ka tsa fula, le e seng go nwa metsi!

8 A batho ba apare diaparo tsa boikwatlhao, diphedi le tsona di apesiwe jalo, mme a ba rapele Modimo thata, mme mongwe le mongwe a boe mo tseleng ya gagwe e e bosula le mo tshenyong ya diatla tsa gagwe!

9 Go itse mang? Ka gongwe Modimo o ka busa pelo, wa boa mo bogaleng jwa ona jo bo tukang gore re se ka ra nyelela.’ ”

10 Jaanong ya re Modimo o bona ditiro tsa bona tsa go boa mo ditseleng tse di bosula tsa bone, Modimo wa ithibela mo petsong e o neng o ikaeletse go e ba direla mme wa se ka wa e dirafatsa.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan