Yone 2 - Setswana 1970Jona o mo mpeng ya tlhapi. Thapelo ya ga Jona le go phologa ga gagwe 1 Jaanong Jona a rapela Morena, Modimo wa gagwe, a le mo mpeng ya tlhapi 2 a re: “Ke ne ka rapela Morena ke le mo tlalelong, mme a nkutlwa; ka goa ke le mo felong ga baswi, mme wa utlwa lentswe la me. 3 O ne o ntatlhetse kwa tengteng mo gare ga lewatle; morwalela o ne o ntikanyetsa. Dintelo tsotlhe tsa gago le makhubu a gago a metsi tsa feta godimo ga me. 4 Mme ke itheile ka re: ‘Ke lelekilwe ka tlosiwa fa pele ga gago. A ke tla tlhola ke bona Tempele e e Boitshepo ya gago gape?’ 5 Metsi a ne a ntikaganyetsa, a batla go mpeta, morwalela o le mo tikologong ya me, motlhaka wa lewatle o ntharile tlhogo. 6 Ka fologela kwa metheong ya dithaba, ka tswalelwa ke lefatshe ka go sa feleng, mme wena o ntshitse bophelo jwa me mo bodibeng, Morena, Modimo wa me. 7 E rile mowa wa me o tlhoboga mo teng ga me, ka gakologelwa Morena; thapelo ya me ya fitlha koo go wena mo Tempeleng e e Boitshepo ya gago. 8 Ba ba tlotlang medimo ya boithamako, ba tlogela yo o bopelotlhomogi le bone. 9 Mme nna ke rata go go direla setlhabelo ka lentswe le le lebogang. Se ke se ikanetseng ke tla se dirafatsa. Thuso e mo Moreneng.” 10 Ke fa Morena a laola tlhapi gore e tlhatsetse Jona kwa lefatsheng. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa