Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yone 1 - Setswana 1970


Jona o gana go rongwa ke Modimo. Modimo o a mo otla

1 Lefoko la Morena le kile la tla kwa go Jona, morwa Amithai, la re:

2 “Tloga ò ye kwa motseng o mogolo wa Ninife, ò o kgalemele ka thero; gonne bosula jwa bone bo tlhatlogetse fa pele ga me.”

3 Mme Jona a nanoga, a re o tshabela kwa Tharesise, a tshaba sefatlhego sa Morena; a fologela kwa Jafo, a fitlhela mokoro teng o o yang kwa Tharesise, a ntsha tuelo ya ona, a ba a o palama, a re o ya nabo kwa Tharesise go tshaba sefatlhego sa Morena.

4 Mme Morena a fokisa phefo e kgolo mo lewatleng; ga nna ledimo le legolo mo lewatleng, mokoro wa ba wa batla go robega.

5 Ke fa batsamaisi ba mokoro ba boifa, mongwe le mongwe a goela kwa modimong wa gagwe; ba latlhela dithoto tse di mo mokorong mo lewatleng go imolola mokoro gore o tlhofofale. Jona ene o ne a fologetse mo teng ga mokoro kwa tlase, a robetse, a thulametse.

6 Mme molaodi wa mokoro a mo atamela, a mo raya a re: “O robaletse eng? Tsoga o rapele Modimo wa gago! Ka gongwe Modimo wa gago o ka re gopola gore re se nyelele.”

7 Mme ba raana ba re: “Tlaang a re tlhameng tengwa, re tle re itse gore re dirafalelwa ke bosula jo ka ntlha ya ga mang?” Jaanong ya re ba tlhama tengwa, tengwa ya supa Jona.

8 Ke fa ba mo raya ba re: “A ko ò re bolelele gore tlalelo e e re dirafaletsa ka ntlha mang? Tiro ya gago ke eng? O tswa kae? Lefatshe la ga eno le kwa kae? O mokae, wena?”

9 A ba araba a re: “Ke Mohebere, ke boifa Morena, Modimo wa legodimo, o o dirileng lewatle le lefatshe.”

10 Ke fa banna ba boifa segolo thata, ba mo raya ba re: “Ke eng se ò se dirileng?” Gonne ba ne ba itse gore o tshabile sefatlhego sa Morena, ka a ba boleletse.

11 Ba be ba mmotsa ba re: “Re dire eng ka wena gore lewatle le kokobele mo tikologong ya rona?” Gonne lewatle le ne le ntse le huduegela pele.

12 Ke fa a ba raya a re: “Ntseeng lo ntigele mo lewatleng; foo lewatle le tla kokobela mo tikologong ya lona. Gonne ke a itse gore ledimo le legolo le, le lo tletse ka ntlha ya me.”

13 Mme banna ba hudua gore ba busetse mokoro kwa lefatsheng, fela ba palelwa; gonne lewatle le ne le ntse le huduegela pele, le tlhabaganye le bone.

14 Ke fa ba rapela Morena ba re: “Ao, Morena, a re se ka ra nyelela ka ntlha ya bophelo jwa monna yo! O se ka wa re bona molato wa re, re bolaile motho yo o se nang molato! Gonne wena Morena ò dirile ka fa ò kgatlhegang ka teng.”

15 Jaanong ba tsaya Jona, ba mo latlhela mo lewatleng. Ke fa go suma ga lone go khutla.

16 Mme banna bao ba boifa Morena segolo thata, ba tlhabela Morena setlhabelo, ba ikana maikano.

17 Mme Morena a roma tlhapi e kgolo gore e metse Jona. Mme Jona a nna mo mpeng ya tlhapi malatsi a le mararo le masigo a le mararo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan