Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yoele 3 - Setswana 1970


Morena o tla atlhola baba ba gagwe

1 “Gonne bonang, e tla re mo malatsing ao le ka sebaka seo, fa ke busa ba Juta le Jerusalema kwa tatlhegong,

2 ke kgobokanye ditšhaba tsotlhe, ke ba folosetse kwa mokgatsheng wa ga Josafate, ke sekise merafe teng foo ka ntlha ya morafe wa me le boswa jwa me, e leng Iseraele, ka ba ba phatlaladitse mo ditšhabeng, ba abelana lefatshe la me.

3 Ba tlhamela morafe wa me tengwa, ba tsaya mosimane, ba duela seaka ka ene; ba rekisa mosetsana ka ntlha ya weine gore ba nwe.

4 “Le lona ba Tiro le Sitone le ba dinaga tsotlhe tsa Bafelesita, lo na le kgang efe le nna? A lo rata go mpusetsa se lo se diretsweng, gongwe a lo rata go ntirela bosula? Ke tla busolosetsa ditiro tsa lona mo ditlhogong tsa lona ka bofefo le ka bonako.

5 Gonne lo tsere selefera ya me le gouta ya me le mahumo a mantle a me, lwa di isa kwa ditempeleng tsa lona.

6 Le gona lo rekisitse bana ba Juta le ba Jerusalema mo Bagerikeng, e le gore lo ba katoganye thata le lefatshe la ga bone.

7 Bonang, ke tla ba tsosa gore ba boe mo felong kwa lo ba rekiseditseng teng, ke lo busolosetsa ditiro tsa lona mo ditlhogong tsa lona.

8 Mme bomorwaa-lona le bomorwadia-lona ke tla ba rekisa mo Bajuteng, mme bone ba tla ba rekisa mo go Baseba, setšhaba se se kwa kgakala;” gonne Morena o buile jalo.

9 Tlhabang mokgosi mo ditšhabeng o o reng: Ipaakanyetseng ntwa, tsosang diganka, atamelang lo bolole, lona batlhabani botlhe.

10 Thulang megoma ya lona, e nne ditšhaka, lo fetole dithipa tsa lona marumo; yo o bokoa a a bue a re: “Ke seganka!”

11 Itlhaganeleng lo tle kwano, lona ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong, lo kgobokaneng! Morena, folosetsa bagale ba gago teng!

12 “A ditšhaba di nanoge, di ye kwa mokgatsheng wa ga Josafate; gonne teng koo ke tla nnela go atlhola ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong.

13 Tsenyang sekele, gonne mabele a budule; tlaang lo gateng, gonne segatelo se tletse, ditlhotlhelo di a penologa; gonne bosula jwa bone bo bogolo.”

14 A bontsintsi jwa batho mo mokgatsheng wa katlholelo! Gonne go atametse letsatsi la Morena mo mokgatsheng wa katlholelo.

15 Letsatsi le ngwedi di tla bo di fifetse; dinaledi di gonyeditse phatsimo ya tsona.


Modimo o tla tshegofatsa morafe wa gagwe

16 Mme Morena o tla duma go tswa Sione, a dumisa kodu ya gagwe go tswa Jerusalema, mo go tla bong go rorome legodimo le lefatshe. Mme Morena ke botshabelo jwa morafe wa gagwe le kago ya phemelo ya Baiseraele.

17 “Mme lo tla itse, fa ke le Morena, Modimo wa lona, yo ke agileng mo Sione mo thabeng e e boitshepo ya me; foo Jerusalema e tla nna felo fa go boitshepo; ga go kitla go tlhola go ralalwa ke baeng.

18 “Ka letsatsi leo dithaba di tla rotha matute a moweine, dithabana di ela mašwi; dinokana tsotlhe tsa Juta di ela metsi, mme motswedi o tla tswela mo Ntlong ya Morena, o nosetsa mokgatsha wa Sitime.

19 “Egepeto o tla fetoga sekaka, Etomo a fetoga naga e e senyegileng ka ntlha ya setlhogo se ba se dirileng mo Bajuteng, ka ba tsholotse madi a a se nang molato mo lefatsheng la bone.

20 Mme Juta o tla nna le batho ka go sa feleng, le Jerusalema jalo mo ditshikeng tsotlhe.

21 Madi a bone ke tla a kaya a a se nang molato, le fa ke a bonye molato pele. Mme Morena o tla agela ruri mo Sione.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan