Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yoele 2 - Setswana 1970


Tsie ke setshwantsho sa batlhabani

1 Letsang lonaka mo Sione, opang mokgosi mo thabeng e e boitshepo ya me, lo rorome, baagi botlhe ba lefatshe; gonne letsatsi la Morena le e tla, le gaufi.

2 Ke letsatsi la lefifi, la bontsho, ke letsatsi la maru le mouwane; morafe o e tla jaaka mahube a a adilweng mo godimo ga dithaba, ke morafe o mogolo o o thata. Ga go ise go nne teng o o tshwanang le ona go tswa bogologolo. Le gona ga go kitla go nna le o o tshwanang le ona go fitlha dinyageng tsa ditshika tsotlhe.

3 O etelelwa pele ke molelo o o jang, o latelwa ke kgabo e e tukang; lefatshe le tshwana le tshimo ya Etene fa pele ga ona, mme fa morago ga ona go sekaka fela se se tobekanyeng. Le gona ga go na sepe se se ka falolang mo go ona.

4 Tebego ya ona e tshwana le ya dipitse; ba bile ba siana jaaka dipitse tse di palangwang.

5 Ba tlola mo ditlhoeng tsa dithaba, ba utlwala jaaka dikoloi tse di kgothoselang le jaaka kgabo ya molelo o o tutumang, fa o ja dirite, le jaaka morafe o o thata o o iketleeleditseng tlhabano.

6 Merafe e roroma ka tlalelo fa pele ga ona, difatlhego tsotlhe di tlhontse.

7 Ba tla taboga jaaka diganka, ba palama lobota lwa motse jaaka batlhabani, ba tsamaya, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe, ba sa fapoge mo mebileng ya bona.

8 Ga ba thulane ba a tsamaya, mongwe le mongwe mo mmileng wa gagwe; ba a tlhasela, ba ralala marumo, ba ntse ba tlhomaganye.

9 Ba wela motse, ba siana godimo ga lobota, ba palama matlo, ba tsena ka difenstere jaaka legodu.

10 Lefatshe le roroma fa pele ga bona, magodimo a a tetesela; letsatsi le ngwedi di a fifala, dinaledi di gonyetsa phatsimo ya tsona.

11 Mme Morena o dumisa kodu ya gagwe fa pele ga lesomo la ntwa la gagwe; gonne lesomo la ntwa la gagwe le legolo thata. Ee, yo o dirafatsang lefoko la gagwe o thata; gonne letsatsi la Morena le legolo, le boitshega thata. Ke mang yo o ka le itshokelang?


Baiseraele ba bilediwa boikwatlhaong

12 Mme Morena a re: “Le jaanong boelang kwa go nna ka bojotlhe jwa pelo tsa lona, le ka go itima go ja le ka selelo le ka khutsafalo.”

13 Ikgagoleng dipelo, e seng diaparo, lo tlhabologele kwa Moreneng, Modimo wa lona; gonne ene o boitshwarelo le kutlwelo-botlhoko; o pelotelele le lorato lo logolo, mme o a tle a buse bogale jwa gagwe.

14 Go itse mang, ka gongwe o tla bo busa gape, a tlogela lesego, e leng dijo le dino tse di supelwang Morena, Modimo wa lona.

15 Letsang lonaka mo Sione, bayang sebaka sa go itima go ja, bitsang phuthego!

16 Phuthang morafe, itshepiseng phuthego, phuthang banna bagolo, kgobokanyang bana le ba ba anyang! Monyadi a a tswe mo ntlwaneng ya gagwe le monyalwa mo borobalong jwa gagwe!

17 A baperesiti, badiredi ba Morena, ba lele fa gare ga mathudi le aletare! A ba rapele ba re: “Morena, rekegela morafe wa gago! O se ka wa tlhabisa boswa jwa gago ditlhong gore ditšhaba di se ka tsa bo opela dipina tsa tshotlo! Kana ba tla bo ba buelang mo merafeng ba re: ‘Modimo wa bona o kae?’ ”

18 Ke fa Morena a tlhoafalela lefatshe la gagwe, a rekegela morafe wa gagwe.

19 Mme Morena a araba, a raya morafe wa gagwe a re: “Bonang, ke tla lo romela mabele le matute a moweine le lookwane, mme lo tla kgora ka tsona. Ga nkitla ke tlhola ke lo tlhabisa ditlhong mo ditšhabeng.

20 “Mme mmaba yo o tswang kwa bokone ke tla mo kobela kgakala le lona, ke mo lelekela kwa lefatsheng le le omileng la sekaka; tlhogo ya gagwe kwa lewatleng la botlhabatsatsi le mogatla wa gagwe kwa lewatleng la bophirimatsatsi. Monkgo o o maswe wa gagwe o tla tlhatloga, sebodu sa gagwe se tla utlwala; gonne o ne a ikgantsha ka ditiro tsa gagwe.

21 “Se boife, wena naga! Duduetsa o itumele; gonne tse dikgolo di dirwa ke Morena.

22 Se boifeng, lona diphologolo tsa naga! Gonne mafulo a naga a tla tlhoga, ee, le ditlhare di tla ungwa maungo a tsona. Setlhare sa feie le sa moweine di tla ungwa ka fa thateng ya tsona.

23 “Le lona, bana ba Sione, duduetsang lo itumele mo Moreneng, Modimo wa lona; gonne o tla lo naya moruti yo o lo rutang tshiamo; a lo nesetsa pula, pula ya ntlha le ya kgogolamoko jaaka mo metlheng ya pele.

24 Diboana di tla tlala mabele, ditlhotlhelo di penologa matute a moweine le lookwane.

25 Ke tla lo busetsa tsa dinyaga tsele tse di jelweng ke boijane le segongwane le molome le tsie, e leng lesomo le legolo la me le ke neng ke le rometse kwa go lona.

26 “Mme lo tla ja letlotlo, lo kgora; lo tla baka leina la Morena, Modimo wa lona, yo o dirileng tse di gakgamatsang mo go lona, mme batho ba me ga ba nke ba tlhajwa ke ditlhong ka bosakhutleng.

27 Mme lo tla itse gore, nna ke mo gare ga Iseraele, le gore ke nna Morena, Modimo wa lona, go se ope o sele! Mme batho ba me ga ba nke ba tlhajwa ke ditlhong ka bosakhutleng.


Letsatsi la Morena

28 “Morago ga moo ke tla tshela Mowa wa me mo bathong botlhe. Bomorwaa-lona le bomorwadia-lona ba tla bolela Lefoko la Modimo; banna bagolo ba lona ba tla lora ditoro, makau a lona a tla bona dipono.

29 Le gona ke tla tshela Mowa wa me mo batlhankeng le mo malateng mo metlheng eo.

30 “Ke tla dira dikgakgamatso kwa legodimong le mo lefatsheng, e leng madi le molelo le dipinagare tsa musi.

31 Letsatsi le tla fetoga lefifi, ngwedi o tla fetoga madi, go ise go tle letsatsi la Morena le legolo, le le boitshegang.

32 Mme mongwe le mongwe yo o tla bitsang leina la Morena o tla pholosiwa. Gonne go tla nna pholoso mo thabeng ya Sione le mo Jerusalema jaaka Morena a buile, le mo go ba ba falotseng ba Morena o ba bitsang.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan