Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 9 - Setswana 1970


Jobe o a araba

1 Jobe a fetola a re:

2 “Ke nnete. Ke a itse gore go ntse jalo. Motho o ka nna jang mosiami fa pele ga Modimo?

3 Fa a rata go ganetsanya naô, a ka palelwa le ke go o araba potso e le nngwe fela mo go di le sekete.

4 Modimo o pelo-e-botlhale, o thata nonofong. Ke mang yo o kileng a o ganetsa, a se ka a bona petso?

5 Dithaba o a di sutisa, go sa lemogiwe; o di ribegetsa ka bogale jwa ona.

6 Lefatshe o a le roromisa, le tswe mo felong ga lone; maotwana a lone a be a reketle.

7 Letsatsi o a le laela, mme le se ke le tlhabe; dinaledi o a di bipa, di se ke di bonale.

8 Legodimo o le tsharolola o le osi, o gate mo godimo ga dintelo tsa lewatle.

9 O dirile dinaledi tsa ‘Bere e kgolo’ le tsa ‘Dikolobe’ le tsa ‘Selemela’ le tsa ‘Sefapaano’ kwa ntlheng ya borwa.

10 O dira tse dikgolo tse di se nang botlhotlhomiso le dikgakgamatso tse di se nang palo.

11 Bonang! O a mpheta, ke sa o bone; o a tlhaga, ke sa o lemoge.

12 Bonang, fa o amoga, o ka thibelwa ke mang? Ke mang yo o ka o botsang a re: ‘O dira eng?’

13 Modimo ga o buse bogale jwa ona; bathusi ba kgogela tlholegong ba ne ba o ikokobeletsa.

14 Jaanong nna ke mang yo nka o fetolang? Nka tlhopha jang mafoko a a o tshwanetseng?

15 Le fa nka bo ke le yo o siameng, ga ke na go o araba. Ke na le go kopa bopelotlhomogi mo go Moatlhodi wa me.

16 Fa ke o bitsa, o sa nkarabe, ga ke dumele gore o tla reetsa lentswe la me.

17 Kana o ka mpšhwetla ka ledimo, wa ntsifatsa dintho tsa me ka bomo.

18 Ga o ke o mpha nako ya go ka busa mowa, mme o nkgorisa matlhoko a a galakang.

19 Fa go lebilwe thata ya yo o tiileng, ona o na nayo. Fa go lebilwe tshiamo, ke mang yo o ka biletsang ona tshekong?

20 Le fa nka bo ke le yo o siameng, molomo wa me o ka bo o nkatlhola ke le moikepi; le fa ke se na molato, ona o ka mpona molato.

21 Ga ke na molato! Mme ga ke tlhole ke ikitse. Bophelo jwa me ke a bo nyatsa.

22 Go tshwana fela! Ke ka moo ke reng: Ona o fedisa mosiami jaaka moikepi.

23 Fa kotlo ya Modimo e bolaya ka tshoganyetso, o tshege tsholofologo ya ba ba se nang molato.

24 Lefatshe o le neetse mo diatleng tsa moikepi; o bipa difatlhego tsa baatlhodi ba lone. Fa e se ona, go dira mang?

25 Malatsi a me a fetile ka lobelo lwa go sia motabogi; a tshabile a ise a bone tse di molemo.

26 A ile ka bobebe jwa mekoro ya lotlhaka jaaka fa lenong le fologela kwa dijong.

27 Fa nka re: ‘A nke ke lebale selelo sa me, ke fetoge sefatlhego se se tlhontseng, e nne se se thabileng;’

28 ke gona ke tshogang matlhoko a me otlhe. Ke a itse gore ga o nke o nkaya yo o se nang molato.

29 Ke tshwanetse ka bo ke le molato. Ke itapisa felafela ka lebaka la eng?

30 Le fa ke le yo o tlhapang ka semathana; le fa ke tlhapa diatla ka molora:

31 Wena o tla ntatlhela seretseng gore ke tene diaparo tsa me.

32 Gonne ona ga se motho ka nna yo nka mo fetolang, yo nka yang nae kwa tshekong.

33 Ga go motsereganyi fa gare ga rona yo o ka bayang seatla sa gagwe mo go ona le mo go nna.

34 A o tlose thupa ya ona mo go nna! Theregiso ya ona a e se ka ya ntshosa!

35 Foo nka bo ke bua, ke sa o boife; kana maikutlo a me a tletse poifo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan