Yobe 8 - Setswana 1970Go bua Biletate 1 Ga fetola Biletate wa Sua a re: 2 “O tla khutla leng go bua tse di ntseng jalo, mafoko a molomo wa gago e ntse e le phefo e kgolo fela? 3 A Modimo o ka kgopamisa katlholo? Gongwe a Mong-wa-thata-yotlhe o ka sokamisa tshiamo? 4 Fa bana ba gago ba ne ba mo leofetse, a ba neela mo petsong ya boleo jwa bone. 5 Mme fa wena o batla Modimo, o kopa bopelotlhomogi mo go Mong-wa-thata-yotlhe 6 fa o se na molato, o le yo o siameng: Ee, foo o tla go ngoka gape, a go busetsa tlhogonolo ya lapa la gago. 7 Foo tlhogonolo ya ntlha ya gago e tla bonala, e ne e le nnyane, mme tlhogonolo ya morago e tla nna e kgolo thata. 8 Ee, a ko o botse batho ba kgale, o ele tlhoko se borraabo ba se tlhotlhomisitseng! 9 Gonne rona re ba maabane, ga re itse sepe; malatsi a rona fatsheng ke moriti fela. 10 A ga ke re, bone ba tla go ruta, ba go bolelela, ba go ntshetsa mafoko ka fa kitsong ya dipelo tsa bone? 11 Ba re: A lotlhaka lo ka gola fa go se nang bokgola? A motlhatlha o ka gola, o se na metsi? 12 Fa e le gona lo tlhogang, lo ise lo butswe go ka segwa, lo tla swaba pele ga bojang jotlhe. 13 Ke yona tsela ya botlhe ba ba lebalang Modimo, mme tsholofelo ya moikepi e a nyelela. 14 O ikgantsha ka tse di nyelelang; tse a di ikanyang ke bobi jwa segokgo fela. 15 O ikaega ka ntlo ya gagwe, mme ga e nke e ema; o itshwarelela mo go yona, mme ga se e e tlhomameng. 16 O gola sentle a tletse matute, le fa go le letsatsi; matlhogela a gagwe a farafara tshimo ya gagwe. 17 Medi ya gagwe e raraana mo mokoeng wa matlapa; e itshwarelela mo gare ga mafika. 18 Mme fa a kumolwa mo felong ga gagwe, gona go tla mo latola go re: ‘Ga ke ise nke ke go bone.’ 19 Bona, ke jona boitumelo jwa bophelo jwa gagwe, mme yo mongwe o tla tlhoga loroleng. 20 Bona, Jobe! Modimo ga o latlhe yo o o boifang, mme ga o eme basenyi nokeng. 21 Molomo wa gago o tla o tlatsa setshego gape le legano la gago tuduetso. 22 Ba ba go tlhoileng ba tla apara tsa ditlhong; lelapa la baikepi ga le nke le tlhola le nna teng.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa