Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 7 - Setswana 1970

1 “Bophelo jwa motho fatsheng a ga se go tlhabana? Malatsi a gagwe a ga a tshwane le a motlhanka yo o sebeletsang tuelo ya letsatsi?

2 Molala o lelela moriti; yo o sebeletsang tuelo o emela tuelo ya gagwe:

3 Ke ruile jalo dikgwedi tse di swabisang, ka abelwa masigo a a lapisang.

4 E re fa ke ya go robala, ke re: ‘Ke tla tsoga leng?’ Mme bosigo e nne jo boleele; ke lapisiwe ke go tlhobaela go ya bo be bo se.

5 Mmele wa me o apere dibokwana le logogo lwa lorole; letlalo la me le thibala, le be le phanyega gape.

6 Malatsi a me a potlaka bogolo go morutse wa mologi; a feta fela, ke sa bone se ke se solofetseng.

7 Gopola, fa bophelo jwa me e le phefo fela; fa matlho a me a se kitla a bona tlhogonolo gape.

8 Matlho a yo o mponang ga a nke a nteba; matlho a gago a tla mpatla, mme ke tla bo ke se yo.

9 Leru le a tle le nyelele, le tsamae: Yo o fologetseng kwa felong ga baswi le ene o ntse jalo; ga a nke a tlhatloga gape.

10 Ga a tlhole a boela mo lapeng la gagwe; felo ga gagwe ga go tlhole go mo itse.

11 Le fa go ntse jalo ga nkitla ke ithiba molomo; fa mowa wa me o le tlalelong, ke tla bua; fa ke le botlhokong jo bo galakang ke tla lela.

12 A ke lewatle gongwe leruarua la lewatle, fa o mpeela balebeledi ba ba ntisang?

13 Fa ke re: ‘Bolao jwa me bo tla nkgomotsa, marobalo a me a tla nthusa go itshoka tlalelong ya me,’

14 foo o ntshose ka ditoro o ntheregise ka dipono,

15 mo ke bileng ka rata go betwa le go swa bogolo go pogisego ya me.

16 Ke nyatsa bophelo jwa me! A nke ke se phele jalo ka bosakhutleng! Ntese! Kana malatsi a me ke phefo fela.

17 Motho ke eng, fa o mo kaya yo mogolo, fa pelo ya gago e mo ela tlhoko?

18 Fa o mo tlhola mo mosong mongwe le mongwe, fa o mo leka ka nako le nako?

19 Ke sebaka se se kana kang o sa mphapose matlho, o sa mphe boikhutso go ka metsa mathe?

20 Fa ke leofile, wena modisa wa batho, ke go senyeditseng? Ke ka ntlha ya eng, fa o mpeile gore o ntlhasele, fa ke le morwalo o o ikimelang?

21 Ke ka ntlha ya eng, fa o sa itshwarele boleo jwa me, fa o sa phimole molato wa me? Gonne jaanong ke tla robala loroleng; o tla mpatla, mme ke tla bo ke se teng.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan