Yobe 6 - Setswana 1970Jobe o a araba 1 Jobe ene a fetola a re: 2 “Ao! Botlhoko jwa me bo ka bo bo elwa sentle. Ba ka bo ba baya tatlhego ya me yotlhe mo selekanyetsong. 3 Kana foo e ka bo e le makete bogolo go motlhaba wa lewatle; ke ka moo ke gakiwang ke puo. 4 Gonne metsu ya Mong-wa-thata-yotlhe e tsepame mo go nna, e botlhole jwa yona bo nowang ke mowa wa me. Ditheregiso tsa Modimo di a ntlhasela. 5 A esele ya naga e ka lela e ntse e na le mafulo? Gongwe a kgomo e ka lela e ntse e jesiwa? 6 A go jewa dijo tse di sa baloleng tse di sa lokwang? Gongwe a bosweu jwa lee bo na le monate? 7 Tse mowa wa me o ganang go di ama di tshwana le dijo tse di ntenang. 8 Ntlha nka bo ke tlelwa ke tse ke di batlang; Modimo wa nnaya tse ke di lelelang! 9 Ao! Modimo e kete o ka bo o kgatlhwa ke go mpšhwetla. A o otlolole letsogo, o nkgaole! 10 Foo nka bo ke sa ntse ke na le kgomotso; nka bo ke ipela ke le botlhokong jo bo se nang thekegelo. Gonne ga ke a itatola mafoko a Moitshepi. 11 Ke eng se se ka nthatafatsang gore ke itshoke? Ke kae kwa nka isiwang teng gore ke se fele pelo? 12 A thata ya me ke thata ya lefika? A mmele wa me ke wa tshipi? 13 Nnyaya! Ga ke na go thusiwa ka sepe! Pholoso e lelekilwe mo go nna. 14 Moitlhobogi o tshwanetswe ke lorato lwa mongwe-ka-ene, le fa a latlha go boifa Mong-wa-thata-yotlhe. 15 Bomorwa-rre ba ntshwabisitse jaaka noka le jaaka meedi ya dinoka e e fetang ka pele, 16 e e leng e mentsho ka dikgapetla, e semathana se iphitlhang mo go yona. 17 E a re e fisiwa ke letsatsi, e nyelele; e re go le bolelo, e kgale mafelong a yona. 18 Masomo a baeti a fapoga mo tseleng ya ona, a ya sekakeng, a latlhega. 19 Masomo a baeti ba Thema a tlhola metsi; makoko a baeti ba Šeba a ikanya metsi. 20 Mme tsholofelo ya bone e tlhabisiwa ditlhong; ba fitlha teng ba a swaba. 21 Jaanong lo ntshwabisitse fela jalo; lo bona therego, mme lo a boifa. 22 A nkile ka re: Mpheng, lo ntefele ka di-tsa-lona, 23 lo mpholose mo diatleng tsa mmaba, lo nthekolole mo diatleng tsa barena ba ba peloethata? 24 Nthuteng, ke tla didimala; lo ntemose fa ke fositseng teng! 25 Mafoko a nnete a na le thata ruri, mme go kgalema ga lona go kgona eng? 26 A lo rata go kgalemela mafoko fela, mme lo tseisa mafoko a mosolofologi phefo? 27 Ee, lesiela le lone lo ka le tlhamela tengwa, lwa bapatsa tsala ya lona. 28 Mme jaanong, a lo ko lo ntebe! Ruri, ga nkitla ke lo aketsa re lebaganye! 29 Boang tlhe, a go se dirwe ka tshiamololo! Boang, go fa ke sa ntse ke le mo nneteng. 30 A go na le tshiamololo mo lolemeng lwa me? Gongwe a magalapa a me ga a lemoge tse di isang mo tatlhegong? |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa