Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 5 - Setswana 1970

1 “Goelela he! Re bone fa go na le yo o tla go arabang? O ka retologela kwa go ofe wa Baitshepi?

2 Kana lesilo le bolawa ke go ngala; seeleele se swa ka lefufa la sona.

3 Ke bonye lesilo le nama medi, ka tlhoboga lelapa la lone ka tshoganyetso.

4 Bana ba lone ba se na lesego, ba gatelelwa mo lekgotleng ba se na mothusi.

5 Tse ba di kotutseng di jewa ke yo o tlala, ee, di ntshiwa mo gare ga dikgora. Tatlhego e metsa khumo ya bone.

6 Gonne tatlhego ga e tswe leroleng, pogisego ga e tlhoge fa fatshe.

7 Nnyaa, ke motho yo o itsalelang pogisego jaaka ditlhase di fofela kwa godimo di tswa mo molelong.

8 Mme nna nka bo ke batla thuso mo Modimong; nka bo ke begela Modimo kgang ya me;

9 ona Modiri wa tse dikgolo tse di se nang tlhotlhomiso; wa tse di gakgamatsang tse di se nang palo:

10 O o nesang pula mo fatsheng, o nosa dinaga ka metsi

11 gore o godise ba babotlana thata, mme ba ba hutsafalang, ba bone pholoso e kgolo;

12 o o senyang maano a balotsana, gore diatla tsa bone di se ka tsa kgona sepe;

13 o o tshwarang batlhalefi ba ba boferefere gore maikaelelo a ba kgopo a senngwe ke bobebe jwa bone

14 gore ba kgatlhane le lefifi bo ntse bo sele, ba apaape motshegare jaaka bosigo.

15 Mme o pholosa mohumanegi mo tšhakeng e e tswang mo melomong ya bone le mo diatleng tsa yo o thata;

16 ka moo yo mmotlana o ka bona tsholofelo, mme bokgopo bo tla ithiba molomo.

17 Itse he: Go sego motho yo Modimo o mo kgalemelang! Ka moo se nyatse kotlo ya Mong-wa-thata-yotlhe!

18 Gonne o a tle o tlhokofatse, mme o be o fape; o a tle o ntshe dintho, mme diatla tsa ona di be di fodise.

19 O tla go pholosa mo ditlalelong tse thataro, ee, mo go tse supa ga go na botlhoko bope jo bo ka go amang:

20 O tla go golola mo losong o le mo tlaleng le mo thateng ya tšhaka o le mo ntweng.

21 Fa diteme di tlhaba, o tla bo o sireleditswe; ga o na go boifa fa tshenyo ya ntwa e tla.

22 O tla tshega kgatelelo le ditlala, o sa ka ke wa boifa dibata tsa lefatshe.

23 Gonne o na le kgolagano le matlapa a masimo; le dibata tsa dinaga di tla agisanya nao.

24 O tla fitlhela lapa la gago le le kagisong; fa o tlhola naga ya gago ga o nke o tlhoka sepe.

25 O tla bona bana ba gago ba ntsifala le ditlogolwana tsa gago di ata jaaka ditlhogi tsa naga.

26 O tla tsena mo lebitleng o na le botsofe jo bo tletseng jaaka fa mabele a robiwa a budule.

27 Bona, ke tse re di lemogileng. Di ntse jalo. Mme wena, o di utlwe, o di ele tlhoko!”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan