Yobe 41 - Setswana 19701 “A o ka goga kwena ka kobe le go gatelela loleme lwa yona ka lodi? 2 A o ka tsenya mogala wa motlhatlha mo nkong ya yona? A o ka e phunya lesama ka kobe? 3 A e ka go kokotlela thata? Gongwe e bua nao ka boleta? 4 A e ka dira kgolagano nao gore o e tshole, e nne motlhanka wa gago ka metlha yotlhe? 5 A o ka tshameka nayo jaaka e kete ke nonyane? A o ka e golegela basetsana ba gago? 6 A batshwari ba ditlhapi ba ka e bapatsa ba e kgaoganyetsa barekisi? 7 A o ka tsepamisa marumo mo letlalong la yona gongwe dikobe tsa ditlhapi mo tlhogong ya yona? 8 Baya seatla sa gago mo go yona! O gopole tlhabano! Ga o kitla o dira gape. 9 Bona, tsholofelo ya go e tshwara e a aketsa; motho o tla wa fela, fa a e bona. 10 Ga go na ope yo o pelokgale go ka e rumola! Jaanong yo o ka emelanang le nna ke mang? 11 Ke mang yo o kileng a nnaya sengwe, yo ke ka mmusetsang? Kana tse di fa tlase ga legodimo lotlhe ke tsa me. 12 Ga nkitla ke didimala ka ga ditokololo tsa yona; ke raya dithata tsa kwena le bontle jwa popego ya yona. 13 Ke mang yo o ka e apolang letlalo? Ke mang yo o ka tsenang mo gare ga metlhagare e mebedi ya yona e ntse e utlwa? 14 Ke mang yo o ka bulang kgoro ya legano la yona? Meno a yona a boitshega ka ntlha tsotlhe. 15 Mokokotlo wa yona ke methalo ya dithebe tsa makape; a tshwaragantswe ka sekano se se tiileng. 16 Lengwe le pataganye le le lengwe; ga go tsene phefo mo gare ga ona. 17 Makape a ngaparelanye a lomaganye; ga a ka ke a patologana. 18 Go ethimola ga yona go phatsimisa lesedi; dintshi tsa matlho a yona di tshwana le mahube. 19 Mo leganong la yona go tswa dirumola; go tswa ditlhase tsa molelo. 20 Dinko tsa yona di kua musi jaaka pitsa e e bedisiwang ka molelo wa metlhatlha. 21 Pudulo ya yona e tukisa magala. Kgabo ya molelo e tswa mo leganong la yona. 22 Thata e mo thamong ya yona; poitshego e e etelela pele. 23 Matlhakore a mmele wa yona a ngaparelanye a tiile mo go yona; ga a tshikinyege. 24 Pelo ya yona e thata jaaka lefika; e tiile jaaka lelwala. 25 Fa e tsoga, go boifa dinatla, di tlhakane tlhogo ka go rerega. 26 Le fa motho a e rema ka tšhaka, tšhaka ga e kgone sepe, le fa e le lerumo gongwe motsu gongwe selepe. 27 Kwena e kaya tshipi bojang fela; kgotlho e e kaya dikgong tse di bodileng. 28 Motsu ga o ka ke wa e tshabisa; mafika a seragamajwe ke dirite mo go yona. 29 Molamu e o kaya dirite fela; e tshega mosumo wa lerumo. 30 Ka fa tlase e na le matlape a a bogale; e tlogela metlhala mo lorageng jaaka selei se se phothang. 31 E bedisa bodiba jaaka pitsa; e hudua letsha jaaka go huduiwa pitsana ya ditlhare. 32 E phatsimisa metsi fa morago ga yona; motlhala wa yona o tshwana le moriri o mmududu. 33 Mo lefatsheng ga go na selekane sa yona; e bopetswe go se boife. 34 E lebile tsotlhe tse dikgolo e sa boife, ka yona e le kgosi ya dibata tsotlhe tse di mabela.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa