Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 40 - Setswana 1970

1 Morena a araba Jobe a re:

2 “A mongongoregi o rata go lwa le Mong-wa-thata-yotlhe? Yo o sekang le Modimo a a fetole!”


Jobe o a araba

3 Ke fa Jobe a araba Morena a re:

4 “Bona, ga ke lekane. Nka go araba ka reng? Ke itshwara molomo.

5 Ke buile gangwe, ga nkitla ke boelela; ee, gabedi, mme ga nkitla ke araba gape.”


Morena o fetola Jobe

6 Morena a ba a fetola Jobe, a le mo ledimong, a re:

7 “A ko o itlame letheka jaaka monna! Ke tla go botsa, o nthute!

8 A tota o a re o roba tshiamo ya me? A o a re o mpona molato gore o nne yo o siameng?

9 A o na le letsogo le le kana ka la Modimo? A o ka dumisa maru ka lentswe jaaka ona?

10 A ko o ikgabise ka borena le bogolo; o ikapese ka phatsimo le kgalalelo!

11 Gorometsa dikgakalo tsa bogale jwa gago, o bone mongwe le mongwe yo o ikgodisang, o mo kokobetse.

12 Leba botlhe ba ba ikgodisang o ba inamise; o gatake baikepi fa ba leng teng!

13 Botlhe o ba fitlhe mo leroleng; difatlhego tsa bone o di ise kwa di sa tlholeng di ka bonwa.

14 Foo le nna ke tla go boka ke re: ‘Letsogo le le jang la gago le go thusitse.’

15 A ko o bone kubu e ke e dirileng jaaka le wena ke go dirile! E fula bojang jaaka kgomo.

16 A ko o bone, thata ya yona e mo lethekeng; nonofo ya yona e mo mesifeng ya mpa.

17 E tlhamalatsa mogatla wa yona jaaka kota ya mosetere; mesifa ya dirope tsa yona e raraanye.

18 Marapo a yona a tshwana le kgotlho e e logapa; dikgopo tsa yona di ntse jaaka tshipi.

19 Yona ke moetapele wa ditsela tsa Modimo; yo o e dirileng o e file tšhaka ya yona.

20 Ee, dithaba di e ntshetsa dijo; diphologolo tsotlhe tsa naga di tshameka teng.

21 E a tle e bothe fa tlase ga ditlhare le mo maiphitlhong a motlhaka le loraga.

22 Ditlhare di e okame ka meriti, megokare ya noka e e dikanyetse.

23 Bona, le fa noka e ka tlala, ga e tshabe; e ntse e iketlile, le fa noka e e kana ka Joretane e ka tshologela mo leganong la yona.

24 Ke mang yo o ka e tshwarang e ntse e mo lebile, a e phunye nko ka lomapo?

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan