Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 4 - Setswana 1970


Puisanyo ya ntlha Go bua Elifase
(Jobe 4:1 – 14:22)

1 Ke fa Elifase wa Themane a fetola a re:

2 “A fa motho a leka go bua le wena, o tla kgopisega? Fela ke mang yo o ka kgonang go ithiba go bua?

3 Kana ke wena o rutileng ba bantsi, wa tiisa diatla tse di repileng.

4 Yo o kgopiwang, mafoko a gago a mo tsositse, wa nonotsha mangole a a kgwetlhang.

5 Mme fa jaanong di wela wena, o nyema moko; fa di ama wena, o a tshoga.

6 Poifo-Modimo ya gago a ga o e ikanye? Tsamao ya gago e e siameng a ga o e solofele?

7 A ko o akanye: Ke mang yo o latlhegileng a se na molato? Ke bafe basiami ba ba nyeleditsweng?

8 Ka fa ke bonyeng ka teng: Ba ba lemang boikepo le ba ba jwalang tatlhego ba roba tsona tseo.

9 Ba latlhega ka pudulo ya Modimo; ba felelela ka phefo ya bogale jwa ona.

10 Go duma ga tau le go rora ga tawana go a khutla; meno a ditawana a robegile.

11 Tau e kgolo e a swa, fa e se na thopo; bana ba tau e namagadi ba a phatlalala.

12 Lefoko le ntletse sephiring; tsebe ya me ya utlwa go sebasebelwa ga lone.

13 E rile ke akanya dipono tsa bosigo, fa batho ba tshwerwe ke boroko jo bogolo,

14 therego ya nkwela le go tetesela, ya roromisa marapo a me otlhe.

15 Ke fa mowa o feta fa pele ga me, mmele wa me wa tlhonya.

16 Wa ba wa ema, ke sa lemoge ponalo ya ona, mme e le sebopego sa mongwe yo o fa pele ga me; ka utlwa go sebaseba ga lentswe le le reng:

17 ‘A motho o siame fa pele ga Modimo? Gongwe a monna o itshekile fa pele ga Mmopi wa gagwe?

18 Bonang, ga o ikanye batlhanka ba ona; baengele ba ona o ba tshwaya phoso.

19 Bogolo jang bone ba ba agileng mo matlong a letsopa, ba tlholego ya bone e leng mo loroleng, ba ba pšhwetlwang jaaka motoutwana?

20 Le tlhaba ba le gona, le phirima ba remagantswe; ba latlhega ka bosakhutleng, ba sa tlhokomelwe ke ope.

21 A ga ke re, fa dimapo tsa tente ya bone di somolwa, ba a swa, ba se na botlhale?’

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan