Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 39 - Setswana 1970

1 “A o itse sebaka se mefele ya mafika e tsalang ka sona? A o disa ditholo, fa di segwa ke maralalo?

2 A o bala dikgwedi fa di ntse di dusa? A o itse sebaka se di tsalang ka sona?

3 Di kudupane di tsale bana ba tsone, di fetse go segwa ke maralalo.

4 Bana ba tsone ba tie ba golele mo nageng; ba di tlogele, mme ba se ke ba boele kwa go tsone.

5 Yo o rebotseng esele ya nageng ke mang, ke mang yo o bofolotseng dikgole tsa pitse ya nageng

6 e ke dirileng sekaka ntlo ya yona ka dira naga ya dikgalaopa bonno jwa yona?

7 E tshega modumo wa motse; ga e utlwe dikgalemelo tsa mokgweetsi.

8 E batla mafulo a yona kwa dithabeng, e latelela tsotlhe tse ditala.

9 A nare e ka rata go go direla? Gongwe a e ka lala fa segopong sa gago?

10 A o ka golega nare ka kgole ya yona gore e leme? Gongwe a e tla ega mekgatsha e go setse morago?

11 A o ka e ikanya, ka thata ya yona e le e kgolo? Gongwe a o ka e tlogelela tiro ya gago?

12 A o ikaega ka yona gore e tla busa kotulo ya gago, e e phuthela mo seboaneng sa gago?

13 Diphuka tsa ntšhwe yo monamagadi di a phuphutha. A diphuka le mafofa tsa gagwe di supa lorato?

14 Kana o tlogela mae a gagwe fa fatshe, mme a a thuthuse mo leroleng.

15 A lebale gore a ka gatakwa ke ditlhako gongwe a ka pšhwetlwa ke diphologolo tsa naga.

16 A direle bana ba gagwe ka bopeloethata jaaka e kete ga se ba gagwe. Le fa tiro ya gagwe e le ya lefela, ene ga a kgathale.

17 Gonne Modimo o mo timile botlhale; ga o a ka wa mo abela tlhaloganyo.

18 Mme e a re a phuphutha ka diphuka, a siane, a tshege pitse le mopalami wa yona.

19 A o naya pitse thata? A o apesa thamo ya yona ka moetse?

20 A o e matlisa jaaka tsie? Pudulo ya yona e e mabela e a boitshega.

21 E tiba ka ditlhako mo molapong e thabile; e bolole ka thata go kgatlhantsha marumo.

22 E tshega poifo, mme ga e tshoge; ga e boe go tshaba ditšhaka.

23 Mo go yona go tlharakana mokotlopo; go phatsima tšhaka le lerumo.

24 E ja naga ka loratla le lebelo; ga e eme, fa lonaka lo lela.

25 Ka nako le nako, fa go lela lonaka a re: ‘Ahee!’ Mme e dupelele tlhabano le dikgalemo tsa balaodi le mekgosi ya ntwa, e ntse e le kgakala.

26 A segodi se fofa ka tlhaloganyo ya gago, se tsharololela diphuka tsa sona kwa borwa?

27 Kampo a lenong le fofa kwa godimo ka taolo ya gago, le dire sentlhaga sa lone kwa godimo?

28 Le se agile mo mafikeng; le nna mo menong a dithaba le mo ditlhoeng tsa tsona.

29 Go tswa teng le tlhola dijo; matlho a lone a bonela kgakala.

30 Mamphorwana a lone le ona a nwa madi; mme fa go leng ditoto teng le lone le gona.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan