Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 38 - Setswana 1970

1 Ke fa Morena a fetola Jobe a le mo ledimong a re:

2 “Ke mang yo o fifatsang maikaelelo a me ka dipolelo tse di se nang kitso?

3 A ko o itlame letheka jaaka monna! Ke tla go botsa, o nthute!

4 E rile ke thaya lefatshe, wa bo o le kae? Bolela, fa o na le kitso!

5 Ke mang yo o beileng ditekanyo tsa lone? – Kana o a itse! – Gongwe ke mang yo o neng a gagamatsa mogala o o le anyang mo go lone?

6 Metheo ya lone e tsentswe mo go eng? Ke mang yo o beileng lentswe la sekhutlo la lone

7 mogang dinaledi tsa masa di duduetsang mmogo, fa baengele botlhe ba tlhaba mokgosi wa boitumelo?

8 Ke mang yo o tswaletseng lewatle ka ditswalo, fa le phašametsega le tswa mo felong ga lone,

9 fa ke dira maru diaparo tsa lone le lefifi le lentsho lesela la lone?

10 Motlhang ke le beelang molelwane wa lone, fa ke le direla losi le ditswalo,

11 ka re: ‘O ka tla go fitlha fano, mme e seng go feta; boikgogomoso jwa dintelo tsa gago bo na le go kokobela fa!’

12 A o setse o kile wa laola moso ka lengwe la malatsi a gago? A o kile wa itsise mahube felo ga ona

13 gore a tshware dikhutlo tsa lefatshe, mme baikepi ba tlhotlhorwe mo go lone?

14 Gore le fetoge jaaka mmopa fa tlase ga sekano, mme dilo tsotlhe di bonale sentle, di senoge jaaka seaparo?

15 Gore baikepi ba timiwe lesedi la bone, mme letswele le le tsholetsegileng le robiwe?

16 A o kile wa ya kwa metsweding ya lewatle, wa itsamaela kwa tlasetlase ga madiba a lone?

17 A o kile wa bulelwa dikgoro tsa loso? A o kile wa bona dikgoro tsa lefifi le le kwenneng?

18 A o lemogile bophara jwa lefatshe? Bolela, fa o itse tsotlhe tseo!

19 Tsela e kae e e yang kwa lesedi le nnang teng? Le felo ga lefifi go kwa kae?

20 Mo o ka di isang kwa teng ga melelwane ya tsona, mo o itseng ditsela tse di yang kwa matlong a tsona.

21 Legale o a itse! Kana o tsetswe ka metlha ele; palo ya malatsi a gago e kgolo!

22 A o kile wa fitlha kwa polokelong ya semathana? A o kile wa bona polokelo ya sefako

23 tse di boloketseng sebaka sa tlalelo le letsatsi la ntwa le la tlhabano?

24 Tsela e kae e e yang kwa lesedi le abelwang teng, kwa phefo ya botlhabatsatsi e tsogang teng go ralala lefatshe?

25 Ke mang yo o epileng melapo ya dipula tse dikgolo, a dira tsela ya logadima lwa maru,

26 e le go nesa pula mo lefatsheng le le se nang motho, le mo sekakeng kwa go sa nneng batho teng;

27 e le go nosetsa naga e e omileng le e e senya, e le go tlhogisa bojang jo bošwa mo nageng?

28 A pula e na le rraayo? Gongwe marothodi a monyo a tsalwa ke mang?

29 Dikgapetla mmaa-tsona ke mang, le kgogotshwane ya legodimo ke mang yo o e belegeng,

30 fa metsi a thatafala, a nna jaaka matlapa, fa sefatlhego sa bodiba se nyele dikgapetla?

31 A wena o ka bofaganya Selemela, gongwe a o ka bofolola dithapo tsa Dikolobe?

32 A o ka bolotsa dinaledi ka go latelana ga tsona mo ngwageng? A o ka tsamaisa dinaledi tsa Bere e kgolo le tsa Bere e nnyane?

33 A o itse melao ya legodimo? A o le laodisa mo lefatsheng?

34 A o ka tsholeletsa lentswe kwa marung gore morwalela wa metsi o go khurumetse?

35 A o ka roma dikgadima gore di bolole di go ree di re: ‘Re fano’?

36 Ke mang yo o beileng botlhale mo marung? Ke mang yo o neileng dilo tsa loapi tlhaloganyo?

37 Ke mang yo o balang maru ka botlhale? Ke mang yo o tshololang makuka a legodimo,

38 fa lerole le fetoga seretse, fa makote a ngaparelana?

39 A o tsomela tau e namagadi phologolo gongwe a o kgorisa ditawana,

40 fa di ratela marobalo, fa di di lalela mo sekhung?

41 Ke mang yo o baakanyetsang legakabe dijo, fa mamphorwana a lone a lelela Modimong, fa a kgarakgatshega ka go tlhoka dijo?

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan