Yobe 37 - Setswana 19701 “Ee, pelo ya me e tshosiwa ke tseo, e tsiboga mo felong ga yona. 2 Utlwang lo reetse loratla lwa lentswe la ona le tumo e e tswang mo molomong wa ona. 3 O e utlwatsa fa tlase ga legodimo lotlhe, o bonatsa logadima lwa ona kwa mafelelong a lefatshe. 4 Lo latelwa ke go duma ga maru; o dume ka kodu ya borena jwa ona; mme ga o thibele dikgadima, fa kodu ya ona e utlwala. 5 Modimo o duma ka kodu ya ona mo go gakgamatsang; o dira tse dikgolo tse re sa di tlhaloganyeng; 6 gonne o raya semathana o re: ‘Wela fa fatshe!’ Le pula ya leebana le ya medupe le dipula tsa thata ya ona o di raya o re jalo. 7 O hunyetsa diatla tsa batho botlhe mariga gore batho botlhe ba lemoge ditiro tsa ona. 8 Foo diphologolo di tsene mo maiphitlhong a tsona, di nne mo marobalelong a tsona. 9 Ledimo le tle le tswa mo ntlong ya lone; diphefo tse di phatlalatsang maru di tlise serame. 10 Pudulo e e maruru ya Modimo e bope dikgapetla; metsi a a atlhameng a thatafale ka serame. 11 O imetsa maru ka metsi, o bo o a phatlalatse, a ntshe dikgadima tsa ona. 12 A tsamaisiwa kwa le kwa ka fa taolong ya ona gore a dire ditiro tsotlhe tse o di a laetseng mo tikologong ya lefatshe. 13 Fa o a tlisetsa lefatshe la ona, e ka nna kotlo gongwe tshegofatso. 14 Wena Jobe, sekegela tseo tsebe; iketle, o tlo o tlhaloganye dikgakgamatso tsa Modimo. 15 A o itse ka fa Modimo o di laolang ka teng, fa o gadimisa tladi ya maru a ona? 16 A o tlhaloganya se se tsholeditseng maru le dikgakgamatso tsa yo o kitso e e tletseng? 17 Wena yo diaparo tsa gago di nnang bolelo, fa go foka phefo e e bolelo ya borwa mo lefatsheng: 18 A wena o ka tsharolola loapi nao lo lo tiileng jaaka seiponi sa tshipi? 19 Re itsise se re ka se buang nao; ga re ka ke ra rulaganya puo epe ka ntlha ya lefifi. 20 A ona o ka tewa ga twe: ‘Didimala, ke bue’? Gongwe a motho o kile a re: ‘Ke rata go nyelediwa’? 21 Le gona jalo go a pala go ka leba lesedi la letsatsi, fa le phatsima kwa legodimong, fa phefo e sena go feta le go le anosa. 22 Gouta e e phatsimang e tswa kwa bokone, mme kgalalelo e e boitshegang Modimo o mo go yona. 23 Mong-wa-thata-yotlhe ga re mmone; o mogolo ka thata, o humile tshiamo; ga a ka ke a sokamisa tshiamo. 24 Ka moo batho ba tshwanetse go mmoifa. Ga a re sepe ka botlhe ba ba ikayang matlhale.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa