Yobe 36 - Setswana 19701 Elihu a tswelela pele a re: 2 “Iketle go le gonnye, ke tla go ruta; gonne mafoko a sa ntse a le teng a go emela Modimo. 3 Kitso ya me ke rata go e tsaya kwa kgakala le go supa gore Mmopi wa me ke yo o mo nneteng. 4 Gonne ruri, mafoko a me ga se a maaka; monna wa kitso e e tletseng o bua nao. 5 Bona, Modimo o mogolo, mme ga o tlhokomologe sepe; ke ona senatla ka thata le ka tlhaloganyo. 6 Ga o boloke maphelo a baikepi, mme o siamisetsa ba ba bogisegang. 7 Ga o fapose matlho a ona mo basiaming, mme o ba nnisa le dikgosi mo ditulong tsa tsona ka metlha; ba godisiwa jalo. 8 Mme fa ba bofilwe ka dikeetane, fa ba tshwerwe ka dikgole tsa matlhoko, 9 foo o ba supetsa ditiro tsa bone le maleo a bone, fa ba ne ba ikgodisa, 10 foo o bulela kgalemelo ditsebe tsa bone, o ba laola gore ba boe mo boikepong. 11 Jaanong fa ba o utlwa le go o ineela, ba tla tlhola malatsi a bone ba le tlhogonolo; ba dika dinyaga tsa bone di le monate. 12 Mme fa ba sa utlwe, ba tla nyelela ka lerumo ba tla swa ba se na kitso. 13 Ba ba pelo-di-bolotsana ba ngala fela; ga ba goele thuso, fa Modimo o ba golegile. 14 Mewa ya bone e tshwanetse go swa ba sa le bašwa; maphelo a bone a na le go fela jaaka a banna ba medimo ya boaka. 15 Mme o tla pholosa mmogisegi ka tlalelo ya gagwe; o mo thibolola ditsebe ka pitlaganyo. 16 Le wena o go bitsa gore o tswe mo leganong la tlalelo; o go biletsa felong fa go atlhameng, fa go se nang pitlaganyo, le mo monateng wa dijo tse di mafura tsa lojelo lwa gago. 17 Mme katlholo e e welang moikepi e go wetse ka botlalo; tshekiso le katlholo di go tshwere. 18 A bogale bo se ka jwa go raela go ka kgala Modimo! A bogolo jwa serekololo bo se ka jwa go timetsa! 19 A Modimo o ka ruta motho go goela thuso kwa ntle ga tlalelo le kwa ntle ga tsotlhe tse di rapedisang motho thata? 20 Se tlhologelelwe bosigo jwa tshekiso, jo bo tlosang merafe mo mannong a yona! 21 Itise, o se fapogele boikepong; gonne o bo rata bogolo go boitshoko. 22 Bona, Modimo o itshupa o le mogolo ka thata ya ona. Ke mang yo e leng moruti jaaka ona? 23 Ke mang yo o ka o laelang tsela ya ona; ke mang yo o ka o rayang a re: ‘O dirile tshiamololo’? 24 Se lebale go godisa tiro ya ona e batho ba e tumisitseng ka difela. 25 Batho botlhe ba e bona ba itumetse; motho o e leba a le kgakala. 26 Bona, Modimo o mogolo, mme ga re o itse; palo ya dinyaga tsa ona ga e tlhotlhomisiwe. 27 Gonne o atametsa marothodi a metsi, o a rothisa e le pula e e tswang mo mouwaneng wa ona. 28 Maru a a e rothisa, a e nesetsa batho ba bantsi. 29 Jaanong e ka nna mang yo o ka tlhaloganyang go thiba ga maru le tumo ya boago jwa ona? 30 Bonang, o phutholola lesedi la ona mo tikologong ya ona, o khurumetsa mateng a lewatle. 31 Ee, o atlhola merafe ka dilo tseo, e bile o e naya letlotlo la dijo ka tsona. 32 Ditladi o di tshwere ka diatla, o di romela go lwa le motlhasedi. 33 Tumo ya ona e a o bega; ee, le letsomane le supa ka ga yo o tlang. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa