Yobe 35 - Setswana 19701 Elihu a simolola gape go bua a re: 2 “A ò se kaya se se siameng, a ò a re ke tshiamo ya gago fa pele ga Modimo 3 fa ò re: ‘Go nthusa eng, go ntirela eng, fa ke sa leofe?’ 4 Nna ke tla go fetola ka mafoko le ditsala tsa gago nao. 5 Lelala kwa legodimong o bone; leba maru a a kwa godimo ga gago! 6 Fa ò leofa, ona ò ka o senyetsa eng? Fa maleo a gago a le mantsi, ona ò ka o direla bosula bofe? 7 Fa ò siame, ò o naya eng? Gongwe Modimo o tla amogela eng mo seatleng sa gago? 8 Boikepo jwa gago bo senyetsa motho ka wena; tshiamo ya gago e thusa mongwe-ka-wena. 9 Batho ba lela ka ntlha ya bontsi jwa dikgatelelo; ba goela thuso ka ntlha ya mabogo a ba ba thata. 10 Mme ga ba botse go re: ‘Modimo, Mmopi wa rona o kae o o nayang batho difela tsa tebogo bosigo, 11 o o re rutang bogolo go diphologolo tsa lefatshe, o o re tlhalefisang bogolo go dinonyane tsa loapi?’ 12 Se bao, ba goela thuso, mme ga o ba utlwe ka ntlha ya boikgantsho jwa bone ba ba bosula. 13 Ruri, Modimo ga o utlwe dilelo tsa boithamako; Mong-wa-thata-yotlhe ga a di ele tlhoko. 14 Bogolo jang, fa ò re: ‘Ga ò o bone! Kgang e fa pele ga ona, o lete.’ 15 Mme jaanong e re ka bogale jwa ona bo sa otle, ka o sa tlhokomele thata tse di boatla, 16 Jobe o tumolola molomo go bua tsa boithamako; o bua tse dintsi a se na kitso.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa