Yobe 34 - Setswana 19701 Elihu a simolola gape go bua a re: 2 “Utlwang mafoko a me, lona batlhalefi! Ntshekegeleng ditsebe ba lo nang le kitso! 3 Gonne tsebe e tlhatlhoba mafoko jaaka magalapa a utlwa dijo. 4 A re itlhopheleng tse di siameng, re gakololane tse di molemo. 5 Gonne Jobe a re: ‘Ke siame, mme Modimo o nkamogile tse di ntshwanetseng. 6 Le fa ke siame, ke tshwanetse go nna moaki. Ntho ya me ya motsu ke e e sa foleng, le fa ke se na molato.’ 7 Monna yo o tshwanang le Jobe o kae yo o nwang dikgalo jaaka metsi, 8 yo o tsalanang le badiradibe, a goga le banna ba boikepo? 9 Gonne o rile: ‘Ga go thuse motho sepe, fa a rata Modimo.’ 10 Ka moo, ntheetseng, lona banna ba botlhale! Modimo o kgakala le bokgopo; Mong-wa-thata-yotlhe o kgakala le tshiamololo. 11 Nnyaya, o tla duela motho ka fa tirong ya gagwe; o tla dirafaletsa mongwe le mongwe tse di lebanyeng tsamao ya gagwe. 12 Nnyaya, ruri, Modimo ga o dire tshiamololo. Mong-wa-thata-yotlhe ga a sokamise tshiamo. 13 Ke mang yo o mo neetseng go laola lefatshe; le tikologo yotlhe ya lone, ke mang yo o e theileng? 14 Fa Modimo o ka itlhokomela fela, fa o ka busetsa Mowa wa ona le pudulo ya ona kwa go ona, 15 foo nama yotlhe e tla swa ka nako e le nngwe fela; motho o tla boela leroleng. 16 Fa o na le tlhaloganyo, nkutlwelele, o sekegele lentswe la mafoko a me tsebe. 17 Kana yo o tlhoileng tshiamo o ka busa jang? Gongwe yo o tshiamo le thata, a wena o ka mmona molato? 18 Ene yo o ka rayang kgosi a re: ‘Ga o wa sepe,’ le dikgosana a re: ‘Lo baikepi!’ 19 Ene yo o sa gobeleleleng batlotlegi, yo o sa tlhokomeleng mohumi bogolo go yo e leng motho fela; gonne bone botlhe ke tiro ya diatla tsa gagwe. 20 Ba swa ka tshoganyetso gare ga bosigo; morafe o rerege o nyelele; yo o thata a tlosiwe e se ka seatla. 21 Gonne matlho a ona a lebile ditsela tsa motho; o bona dikgato tsotlhe tsa gagwe. 22 Ga go na lefifi le e seng bontsho jo bo kwenneng kwa badiradibe ba ka iphitlhang teng. 23 Gonne Modimo ga o tlhole o sekaseka molato wa motho, fa a ya kwa go ona mo tshekong. 24 O pšhwetlakanya ba ba thata kwa ntle ga tsheko; o emisa ba bangwe mo boemong jwa bone. 25 Ke ka moo ke reng: O itse ditiro tsa bone; o ba ribegetsa bosigo, mme ba silakanngwe. 26 Ka e le baikepi o ba otla mo felong fa go bonang botlhe. 27 Ke ka gonne ba ikepile mo go ona; mme ba se ka ba tlhokomela ditsela dipe tsa ona; 28 e le go fitlhisa selelo sa yo mmotlana kwa go ona gore ona o utlwe go goa ga ba ba bogisegang. 29 Jaanong fa ona o ikhutsisa batho, ke mang yo o ka o bonang molato? Fa o fitlha sefatlhego, ke mang yo o ka o bonang? Gonne o okametse setšhaba le batho botlhe 30 gore go se ka ga busa motho yo o pelompe yo o isang morafe mo tatlhegong. 31 Jaanong fa motho a ka raya Modimo a re: ‘Ke ikgodisitse, ga nkitla ke senya gape; 32 ke bona jalo, nthute; fa ke dirile ka tshiamololo ke tla baka.’ 33 A ò a re, ona o busolose ka fa go ratang wena? Kana o nyaditse ditsela tsa ona. Ke wena o tshwanetseng go bolela tse di phalang tsa ona, e seng nna. Bolela tse o di itseng! 34 Banna ba ba nang le tlhaloganyo le batlhalefi ba ba ntheetsang ba tla nthaya ba re: 35 ‘Jobe o buile a se na kitso; mafoko a gagwe ga a na botlhale.’ 36 Ao! A Jobe a nne a lekwe go ya go ile ka a fetola jaaka batho ba ba bosula. 37 Gonne o oketsa boleo jwa gagwe ka boikepo, o sotla mo gare ga rona; o ntsifatsa mafoko a gagwe a a ganetsang Modimo.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa