Yobe 33 - Setswana 19701 “Mme wena Jobe, a ko o utlwe dipuo tsa me; mafoko a me otlhe o a sekegele tsebe! 2 A ko o bone, ke butse molomo; go bua loleme lwa me mo magalapeng. 3 Mafoko a me ke a boammaaruri jwa pelo; molomo wa me o tla bua kitso e e phepa. 4 Mowa wa Modimo o ntirile; Mowa wa Mong-wa-thata-yotlhe o a mphedisa. 5 Fa o ka kgona, o mphetole; ipaakanye o eme fa pele ga me! 6 Bona, ke tshwana le wena fa pele ga Modimo: Le nna ke ngathilwe mo letsopeng. 7 Bona, a go mpoifa go se ka ga go tshabisa; ga nkitla ke go imela ka kgatelelo ya me. 8 Fela o buile mo ditsebeng tsa me, ka utlwa lentswe le le buang mafoko le re: 9 ‘Ke itshekile, ga ke na boleo; ke nna yo o phepa, ga ke na molato. 10 Bonang, Modimo o bonye mabaka a go lwa le nna; o nkaya mmaba wa ona. 11 Dinao tsa me o di bofeletse mo dikoteng; o tlhokometse ditsela tsa me tsotlhe.’ 12 Bona, ke a go fetola: Gona fao ga o mo nneteng, gonne Modimo o mogolo bogolo go motho. 13 Ke ka ntlha ya eng fa ò o lwantsha ò re: ‘Ga o arabe lefoko lepe la me.’ 14 Gonne Modimo o bua gangwe le gape, mme motho ga a ele tlhoko: 15 O bua ka toro, ka pono bosigo, fa batho ba le borokong, fa ba robetse mo malaong. 16 Foo o thibolola batho ditsebe, o ba tlhagisa ka go ba tshosa, 17 gore o tlogedise motho ditiro tse di bosula, o latlhise monna boikgodiso; 18 gore o boloke mowa wa gagwe, a se ka a ya lebitleng, le bophelo jwa gagwe gore bo se ka jwa nyelela ka lerumo. 19 Le gona o a tle a otlwe ka botlhoko mo bolaong jwa gagwe le ka ntwa e e sa feleng mo marapong a gagwe. 20 Bophelo jwa gagwe bo mo tentshe bogobe; mowa wa gagwe o tenwe ke dijo tse di monate. 21 Nama ya gagwe e ote e sa tlhole e bonwa; go bonale marapo a gagwe a a neng a bipegile. 22 Mowa wa gagwe o atamele lebitla, bophelo jwa gagwe bo atamele ba ba tlisang loso. 23 Jaanong fa go na le moengele fa go ene, motsereganyi a le mongwe wa ba le sekete, gore a itsise motho tshwanelo ya gagwe, 24 foo o tla mo tlhomogela pelo a re: ‘Mo golole a se ka a tsena mo lebitleng! Ke bonye serekololo sa bophelo jwa gagwe.’ 25 Foo nama ya gagwe e tla ntšhwafala, e tlala thata e ntšhwa; o tla boela malatsing a bošwa jwa gagwe. 26 Fa a rapela Modimo, ona o tla mo itumelela, o mo lebisa sefatlhego sa ona ka tuduetso, o busetsa motho tshiamo ya gagwe. 27 Ene o tla opelela batho a re: ‘Ke ne ke leofile, ka sokamisa tse di siameng, mme Modimo ga o a nkotla ka fa go ntebanyeng. 28 O nthekolotse gore ke se ka ka tsena mo lebitleng; bophelo jwa me bo ka itumelela lesedi.’ 29 Bonang, Modimo o direla motho tsotlhe tseo gabedi le gararo, 30 e le go mo thibela go ya lebitleng gore a sedimosediwe ka lesedi la bophelo. 31 Ela tlhoko, Jobe, o nkutlwelele! Didimala, ke tla bua! 32 Fa o na le mafoko, mphetole! Bua, gonne nka itumela, fa o le mo nneteng. 33 Fa o se na phetolo, ntheetse! Didimala, mme ke tla go ruta botlhale.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa