Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 32 - Setswana 1970


Elihu o simolola go bua
(Jobe 32:1 – 37:24)

1 Jaanong banna ba bararo bao ba khutla go fetola Jobe; gonne o ne a ikaya yo o siameng.

2 Ke fa go galefa Elihu morwa Baragele wa kwa Busi wa losika lwa ga Rame; a tukela Jobe bogale ka a itshiamisa fa pele ga Modimo.

3 Le gona a galefela ditsala tse tharo tsa gagwe, ka gonne ba palelwa ke go fetola Jobe, mme ba mmona molato fela.

4 Ene Elihu o ne a iketlile bone ba ntse ba bua le Jobe; gonne ba ne ba le bagolo mo go ene, ba mo feta ka dinyaga.

5 Jaanong e rile Elihu a bona, fa go se na karabo mo melomong ya banna ba bararo bao, a tuka bogale.

6 Elihu morwa Baragele wa kwa Busi a fetola a re: “Nna ke sa le mošwa, lona lo ba bagolo lo mpheta ka dinyaga; ka moo ke ne ke itshwere, ka boifa go lo bolelela tse ke di itseng.

7 Ka re: ‘A go bolele banna bagolo ba ba nang le malatsi! A ba bontsi jwa dinyaga ba itsise botlhale!’

8 Fela ke mowa o o mo bathong, ke Mowa wa Mong-wa-thata-yotlhe o o ba tlhalefisang.

9 Ba bagolo ga se bone ba ba botlhale; ba ba tsofetseng ga ba tlhaloganye tse di siameng.

10 Ke ka moo ke reng: Ntheetseng! Le nna ke bolele se ke se itseng.

11 Bonang, ke emetse mafoko a lona, ka utlwelela dipuo tse di botlhale tsa lona, go fitlhelela lo bone mafoko a a siameng;

12 ka nna ka lo ela tlhoko, ka fitlhela go se na yo o fenyang Jobe; go se na ope mo go lona yo o fetolang mafoko a gagwe.

13 Lo se ka lwa re: ‘Re fitlhetse botlhale mo go ene! Modimo o tla mo kgona, e seng motho.’

14 Ga a ka a bolela mafoko go lwa le nna; le gona ga nka ke ka mo fetola jaaka go buile lona.

15 Ba nyemile moko; ga ba tlhole ba araba. Ba feletswe ke mafoko.

16 A nka leta, fa ba sa bue ba eme fela, ba sa tlhole ba araba?

17 Nnyaya! Le nna ke tla araba tse ke di abetsweng; le nna ke tla bolela tse ke di itseng.

18 Gonne ke tletse mafoko; mowa o o mo teng ga me o a ntlhotlheletsa.

19 Bonang, mafatlha a me a tshwana le weine e e belang e e sa thibololwang; a phanyega jaaka makuka a mašwa.

20 Ke na le go bua, gore ke hupologe mowa. Ke na le go bula molomo le go araba.

21 Ga nka ke ka goga le ope le e seng go kgatlha motho ka loleme.

22 Gonne ga ke itse go kgatlha motho ka loleme; Modiri wa me o ne a ka ntlosa ka bonako.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan