Yobe 31 - Setswana 19701 “Matlho a me ke ne ke utlwanye nao gore a se ka a leba lekgarebe. 2 Fa nka bo ke dirile jalo, kabelo ya Modimo e e tswang kwa godimo e ka bo e le efe? Boswa jwa Mong-wa-thata-yotlhe jo bo tswang legodimong e ka nna bofe? 3 A ga se tatlhego ya mosiamolodi le go tlhoka tlhogonolo ga baleofi? 4 A ga se ene yo o bonang ditsela tsa me, yo o balang dikgato tsa me tsotlhe? 5 Fa ke dirile ka bolotsana, fa dinao tsa me di akofetse go tsietsa 6 foo a Modimo o ntekanye mo selekanyetsong se se siameng gore o itse bosenamolato jwa me! 7 Fa dikgato tsa me di fapogile mo tseleng, fa pelo ya me e setse keletso ya matlho a me morago, fa sebala se kgomaretse diatla tsa me, 8 foo a ke jwale, mme go je yo mongwe; tse di ntlhogelang mo tshimong a di kumowe! 9 Fa pelo ya me e raelesegile ka mosadi, fa ke laletse mojako wa mongwe-ka-nna, 10 foo a mosadi wa me a silele monna yo mongwe! A ba bangwe ba nne nae! 11 Gonne go dira jalo ke tshenyo e e nyatsegang; ke molato o o tshwanetseng petso ya baatlhodi. 12 Ee, ke molelo o o nyeletsang go fitlha kwa felong ga tatlhego o o fisang mahumo a me otlhe. 13 Fa ke nyaditse tshiamelo ya motlhanka wa me le ya lelata la me mogang ba sekang le nna, 14 foo ke tla dira eng, fa Modimo o ka tsoga? Nka fetola ka reng, fa o nkotla? 15 A ga ke re, yo o ntirileng mo popelong, le ene o mo dirile? A ga se Modimo o le mongwe fela o o re bopileng ka bobedi jwa rona? 16 Fa ke ganne ka se se kopiwang ke ba babotlana, fa ke swabisitse matlho a motlholagadi, 17 gongwe fa ke jele thathana ya me ke le nosi, mme ke se ka ka nathela lesiela – 18 kana go tloga bonyaneng jwa me le goletse mo go nna ke le rraalo; go tloga botsalong ke ne ke le mogogi wa motlholagadi! 19 Fa ke bonye motho a latlhega ka go tlhoka diaparo le mohumanegi yo o se nang kobo; 20 fa dirope tsa gagwe di sa nteboga, fa a sa ikomosa ka boboa jwa dinku tsa me 21 fa ke tsholeleditse lesiela letsogo go le otla, ka ke bona ba ba nkemelang kwa lekgotleng; 22 foo a legetla la me le kgaoge mo thamong! A letsogo la me le robege le tlosiwe mo mmeleng! 23 Gonne go boifa Modimo go ne go nthibela; ke ne ke sa kgone go dira jalo ka ntlha ya bogolo jwa ona. 24 Fa ke ikantse gouta, fa ke reile gouta e e itshekileng ka re: ‘Ke wena ke ikaegang ka wena;’ 25 fa ke itumeletse khumo ya me e kgolo le papalo e kgolo ya seatla sa me, 26 fa ke bonye lesedi la letsatsi le phatsima gongwe ngwedi o o tsamayang o le montle 27 fa pelo ya me e itsieditse mo sephiring, fa molomo wa me o atlile seatla sa me e le go di tlotla jaaka medimo: 28 le go dira jalo ke molato o o atlholelwang petso gonne nka bo ke itatotse Modimo o o kwa legodimong. 29 Fa ke itumeletse tatlhego ya yo o ntlhoileng fa ke ne ke duduetsa, fa bosula bo mo wela – 30 mme ga ke a leofisa magalapa a me; ga ke a mo kopela loso ka go mo hutsa! 31 Ruri, ba lapa la me ba buile ba re: ‘Ke ofe yo o se kang a kgora nama tsa gagwe?’ 32 Moeng ga a ise a ke a lale kwa ntle; ka bulela moeti ditswalo tsa me. 33 Fa ke lobile dibe tsa me jaaka batho, fa ke fitlhile molato wa me mo teng ga me, 34 ka ke ne ke boifa bontsi jo bogolo, ka nyatso ya ditshika tsa ga etsho e ntshosa, fa ke ne ke didimala, ke sa tswele kwa ntle ga ntlo – foo a Modimo o nkotle! 35 Ao! Nka bo ke na le yo o nkutlwang! Go ikwala ga me ke moo. A Mong-wa-thata-yotlhe a nkarabe! Nka bo ke tshotse lokwalo lo moganetsi wa me o lo kwadileng! 36 Ruri, ke ne ke tla lo sikara ka legetla la me, ke lo ithathelela mo tlhogong jaaka serwalo. 37 Nka bo ke mo ikarabela dikgato tsa me, ke mo atamela jaaka kgosana. 38 Fa tshimo ya me e goa ka ga me, fa mesele ya yona e lela mmogo; 39 fa ke jele dijo tsa yona ke sa e reka, fa ke bolaile beng ba yona, 40 foo a go tlhoge mitlwa boemong jwa mabele le mefero boemong jwa mmopo!” Mafoko a ga Jobe a felela fa. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa