Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 30 - Setswana 1970

1 “Mme kajeno ke tshegwa ke ba e leng ba bašwa mo go nna; bao borraabo ke neng ke nyatsa go ba kopanya le dintšwa tsa letsomane la me.

2 Le gona thata ya diatla tsa bone e ne e ka nthusa eng, ka ba ne ba senyegetswe ke thata ya bonna jwa bona?

3 Ba fedisitswe ka go tlhoka le ka tlala; maabane ba ne ba phura mo nageng e e omeletseng ya sekaka.

4 Ba tle ba kgetle morogo o o letswai mo ditlhatshaneng; modi wa motlopi ke dijo tsa bone.

5 Ba lelekwe mo gare ga batho, ba tlhabelwe mokgosi jaaka legodu.

6 Ba na le go nna mo megorogorong e e boitshegang le mo meoleng ya lefatshe le mo dikgageng.

7 Ba kue ba le mo gare ga ditlhatshana, ba kgobokane fa tlase ga bogopa.

8 Ke losika lwa masilo a a nyatsegang a a kobilweng mo lefatsheng ka seme.

9 Mme kajeno ke sotlwa ke bone bao, ba opela ka nna, ba buabua ka nna.

10 Ba katogana le nna, ke maila mo go bone; ga ba tshabe go nkgwela mathe mo sefatlhegong.

11 Gonne Modimo o repisitse mosifa wa me wa nkokobetsa; ka moo ba itshola bobe fa pele ga me.

12 Banyatsegi ba ntsogela mo ntlheng ya le le jang, ba nkgopisa maoto, ba kata ditsela tsa bone tsa go tla kwa go nna le go ntshenya.

13 Ba sentse tsela ya me, ba thusa go ntiga. Ga ba thibelwe ke ope.

14 Ba tsena jaaka baba ka phatlha e e atlhameng ya lorako, ba bidikamela pele mo gare ga marope.

15 Ditherego di nkwetse, di lelekile tlotlo ya me jaaka phefo; letlhogonolo la me le nyeletse jaaka leru.

16 Jaanong ke nnetse go lela; malatsi a pogisego a ntshwere.

17 Ke fetlhwa marapo otlhe bosigo; matlhoko a a jang mo go nna ga a didimale.

18 Seaparo sa me se fetogile ka thata e kgolo ya matlhoko; se a mpeta jaaka thamo ya hempe ya me.

19 Modimo o ntatlhetse mo seretseng; ke tshwana le lerole le molora.

20 Ke goela thuso kwa go wena, mme ga o nkutlwe; ke eme fa pele ga gago, mme ga o nkele tlhoko.

21 O mphetogetse yo o setlhogo, o lwa le nna ka thata ya diatla tsa gago.

22 O ntsholeletsa mo phefong, o e mpalamisa, o ntheekedisa mo modumong wa yona.

23 Ee, ke a itse gore o nkisa losong kwa ntlong ele kwa go tla kgobokanang botlhe ba ba phelang.

24 Fela fa ntlo e wela motho, a ga a kitla a ntsha letsogo? Gongwe fa a latlhega, a ga a kitla a goela thuso?

25 Kampo a ga ke a lelela yo o bonyeng malatsi a a makete? A ga ke a utlwela bahumanegi botlhoko?

26 Gonne ke ne ke solofetse tse di molemo, ga tla tse di bosula; ke ne ke lebeletse lesedi, ga tla lefifi.

27 Ka mo teng ga me go a bela, ga go khutle; malatsi a tlalelo a tlile mo go nna.

28 Ke sepela ke hutsafetse, ke se na lesedi; ke nanoga mo phuthegong ke goela thuso.

29 Ke fetogile morwa-rraatso-diphokojwe le selekane sa bontšhwe.

30 Letlalo la me le tloga mo go nna le ntshofetse; marapo a me a fisiwa ke mogote.

31 Sefela sa me se fetogile khutsafalo; melodi ya lotlhaka lwa me e fetogile selelo sa ba ba lelang.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan