Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 3 - Setswana 1970


Ngongorego ya ga Jobe

1 Morago ga moo Jobe a tswa molomo, a rogaka letsatsi la botsalo jwa gagwe.

2 Jobe a simolola go bua a re:

3 “A letsatsi le nyelele le ke tsetsweng ka lone le bosigo jo go tilweng go ithwelwe ngwana wa mosimane!

4 A letsatsi leo le nne lefifi! Modimo o o kwa godimo a o se le tlhokomele! A le se ka la phatsimelwa ke lesedi!

5 A lefifi le moriti-wa-loso di le gape! A maru a mantsho a nne godimo ga lone! A phifalo ya motshegare e le tshose!

6 Bosigo joo a lefifi le bo tlose! A bo se tlhomagane le malatsi mo ngwageng! A bo se ka jwa tsena mo malatsing a kgwedi!

7 Ee, bosigo joo a e nne jwa boopa! A go se nne tuduetso mo go jona!

8 Ba ba rogakang letsatsi, a ba bo rogake, bone ba ba itseng go tlhotlheletsa kgwanyape!

9 A go fifale dinaledi tsa lotlatlana lwa jona! A bo letele lesedi, mme le se nne teng! A bo se ka jwa itumelela dintshi tsa mahube!

10 Ka gonne ga bo a ka jwa ntswalela kgoro ya sebopelo sa ga mme; ga bo a ka jwa subela matlho a me tapisego.

11 Ke ne ke sa sweleng mo botsalong? Ke ne ke sa tlhokafaleleng, fa ke sena go tsalwa?

12 Ke ka ntlha ya eng fa ba mphara mangoleng, fa ba nkisa mabeleng, ba re ke anye?

13 Gonne foo nka bo ke rapama jaanong, ke iketlile; foo nka bo ke robala, ke na le boikhutso.

14 Foo nka bo ke na le dikgosi tsa lefatshe le banna ba lekgotla, ba ba tsositseng marope.

15 Gongwe nka bo ke na le dikgosana tse di neng di tshotse gouta, tse di neng di tladitse matlo a tsona selefera.

16 Gongwe nka bo ke se gona jaaka phetela e e fitlhilweng le jaaka bana ba ba sa boneng lesedi.

17 Gona kwa baikepi ba khutla go tsosa modumo, teng kwa go ikhutsa ba ba feletsweng ke thata.

18 Bagolegwi ba ikhutsa mmogo gona; lentswe la mogateledi ga ba le utlwe.

19 Ba bannye le ba bagolo ba gona, ba a tshwana; motlhanka o gololesegile mo moreneng wa gagwe.

20 Ke eng fa Modimo o naya mmogisegi lesedi, fa o naya ba ba nyemileng moko bophelo?

21 Ke ba ba letang loso, mme ga ba lo bone; ba lo epa bogolo go dikhumo.

22 Ke ba ba ka bong ba itumela, ba duduetsa, ba thaba, fa ba ka bona lebitla.

23 Ke eng fa Modimo o naya monna bophelo, yo tsela ya gagwe e fitlhegileng, yo Modimo o mo thibeletseng phalolo mo ntlheng tsotlhe?

24 Gonne ke tlelwa ke diphegelo boemong jwa dijo tsa me; go goa ga me go tswa jaaka metsi a elela.

25 Fa ke boifa selo se a ntlela; se ke se tshogileng se a nkwela.

26 Ga ke na kagiso, ga ke na boiketlo, ga ke na boikhutso; go tla matshwenyego fela.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan