Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 29 - Setswana 1970


Polelo ya bofelo ya ga Jobe

1 Jobe a tswelela pele, a ntsha diane tsa gagwe a re:

2 “Ao! E kete nka bo ke ntse jaaka mo kgweding tsa pele! Jaaka ka malatsi ale fa Modimo o ne o ntse o ntisitse!

3 Fa lobone lwa ona lo okame tlhogo ya me; ka ralala lefifi ke le mo leseding la ona.

4 Nka bo ke ntse jaaka ke ne ke le mo malatsing a nonofo ya me; fa tsalano ya Modimo e okame lapa la me

5 fa Mong-wa-thata-yotlhe a sa ntse a na le nna fa bana ba me ba ne ba ntikanyeditse

6 fa dinao tsa me ke di tshasa ka lobebe, fa lekgwarana le ntswelela dinokana tsa lookwane.

7 E ne ya re fa ke tswela kwa kgorong ya motse, ke baakanya senno sa me mo dipatlelong,

8 basimane ba iphitlhe, fa ba mpona; banna ba bagolo ba nanoge ba eme ka dinao,

9 dikgosana di khutle go bua, di itshware melomo;

10 mantswe a ba ba tlotlegang a didimale, diteme tsa bone di kgomarele magalapa.

11 Ya re fa tsebe e nkutlwa, e ntshegofatse; e re fa leitlho le mpona, le supe ka ga me,

12 fa ke ne ke pholosa mmogisegi yo o goelang dithuso le lesiela le yo o se nang mothusi.

13 Ka bona tshegofatso ka yo o latlhegileng ka thabisa pelo ya motlholagadi.

14 Ka apara tshiamo; tiro tse di siameng tsa me tsa nkapesa jaaka kobo le serwalo.

15 Ke ne ke le matlho a sefofu le maoto a segole.

16 Ke ne ke le rra-bahumanegi; ka lotolotsa kgang ya tsheko ya yo ke sa mo itseng.

17 Mosiamolodi ka mo roba metlhagare; ka phamola thopo mo menong a gagwe.

18 Ka re: ‘Ke tla swa le sentlhaga sa me, ke ntsifatsa malatsi jaaka motlhaba.’

19 Ka re: ‘Modi wa me o nametse kwa metsing; go lala monyo mo dikaleng tsa me.’

20 Ka re: ‘Tlotlo ya me e ntse e le e ntšhwa mo go nna; bora jwa me bo ntšhwafala mo seatleng sa me.’

21 Ba ne ba tle ba ntheetse ba ntebelele; kgakololo ba e utlwe ka go didimala.

22 Ya re fa ke sena go bua, ba se ke ba bue; mafoko a me a ne a rothegela mo go bone.

23 Ba ne ba tle ba ntebelele jaaka go lebelelwa pula; ba bule melomo jaaka e kete ba kgalegetse tlhakola-modula.

24 Ke ne ke tle ke tshege nabo ka tsalano, fa ba solofologile; ba ne ba sa itse go fifatsa lesedi la sefatlhego sa me.

25 Ka itumela go ya kwa go bone, ka nna nabo ke le tlhogo, ka dula jaaka kgosi mo gare ga batlhabani, ke le yo o gomotsang ba ba pelo-di-botlhoko.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan