Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 28 - Setswana 1970


Ka ga botlhale jo bo sa bonweng ke motho

1 “Kana go na le felo kwa selefera e bonwang teng; gouta e na le felo fa e tlhatswiwang gona.

2 Tshipi e ntshiwa mo mmung; kgotlho e gakolosiwa e tswa mo mafikeng.

3 Batho ba fedisa lefifi, mo ntlheng tsotlhe ba fukutsa mafika a a mo bontshong le mo lefifing le legolo.

4 Ba epa moepo, ba tloga mo go ba ba agileng mo lefatsheng; ba lebalwa ba le kgakala le kwa dinao di gatang teng, ba lepeletse ba le kgakala le batho, ba akgaakgegela kwa le kwa.

5 Lefatshe le dijo di tswang mo go lone ka kwa tlase ga lone go epololwa ka molelo.

6 Matlapa a lone ke lone legae la safire; le dithole tsa gouta di teng gona moo.

7 Lenong ga le itse tselana ya teng; leitlho la segodi ga le a e bona.

8 Dibata tse di kokorogang ga di ise di e gate; le tau ga e ise e tsamae mo go yona.

9 Mme motho o isa seatla kwa mafikeng a legakwa; a epolola dithaba ka kwa meding.

10 O phunya ditsela mo teng ga mafika; leitlho la gagwe le bona tse di tlhwatlhwa e kgolo tsa mefutafuta.

11 O thiba dikelelo tsa metsi kwa tlase gore di se ka tsa rotha; tse di fitlhegileng o di ntshetsa kwa leseding.

12 Mme botlhale jona bo bonwa kae? Felo ga tlhaloganyo ke kwa kae?

13 Motho ga a itse tlhwatlhwa ya jona; ga bo bonwe mo lefatsheng la ba ba phelang.

14 Bodiba bo a re: ‘Ga bo yo mo go nna!’ Lewatle le a re: ‘Ga ke na najo!’

15 Ga bo rekwe ka gouta e e itshekileng; ga bo lekanyediwe selefera go nna tlhwatlhwa ya jona.

16 Gouta ya Ofire le yona ga e bo lekane, le fa e le šohama e e tlhwatlhwa e kgolo gongwe safire.

17 Gouta le galase ga di tshwane najo; ga bo ananngwe ka dijana tsa gouta.

18 Dikorala le legakwa ga di umakiwe; go nna botlhale go gaisa ditalama.

19 Le topase ya Ethiopia ga e tshwane najo; gouta e ntlentle ga e bo lekane.

20 Jaanong ge, bo tswa kae botlhale? Tlhaloganyo e agile kae?

21 Bo fitlhegetse matlho a tsotlhe tse di phelang; le dinonyane tsa loapi bo di subegetse.

22 Felo ga tatlhego le loso tsa re: ‘Re utlwile magatwe a jona fela ka ditsebe tsa rona.’

23 Tsela e e yang kwa go jona Modimo o e lemogile; ona o itse felo ga jona.

24 Gonne o bona go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe; o leba tsotlhe tse di fa tlase ga legodimo.

25 E rile o direla phefo thata, o lekanya metsi ka seelo;

26 ya re o baya molao wa pula, o direla logadima tsela:

27 wa bo bona, wa bo rulaganya, wa bo emisa, wa bo tlhotlhomisa.

28 Mme wa raya motho wa re: ‘Bona, go boifa Morena ke botlhale le go tlogela bosula ke tlhaloganyo.’ ”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan