Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 27 - Setswana 1970


Go bua Jobe

1 Jobe a tswelela pele, a ntsha diane tsa gagwe a re:

2 “Ka bophelo jwa Modimo o o nkamogileng tshwanelo ya me! Le ka Mong-wa-thata-yotlhe yo o njesitseng tse di galakang!

3 Ruri, fa bophelo jwa me bo sa ntse bo itekanetse mo go nna, fa mowa wa Modimo o le mo dinkong tsa me

4 molomo wa me ga o kitla o bua tsa tshiamololo; loleme lwa me ga lo kitla lo bolela tsa tsietso.

5 A go nne kgakala le nna go ka dumela gore lona lo mo nneteng; ke tla swa ke ise ke ipone molato.

6 Ke itshwarelela mo tshiamong ya me, ga nkitla ke e lesa; pelo ya me ga e nkgalemele ka letsatsi lepe la me.

7 Mmaba wa me o tshwanetse go nna jaaka moikepi; yo o ntsogelang o tshwanetse go nna jaaka mosiamolodi.

8 Gonne moikepi o solofela eng, fa Modimo o kgaola le go tlosa mowa wa gagwe?

9 A Modimo o tla utlwa go goa ga gagwe, fa tlalelo e mo wela?

10 A ene o ka itumelela Mong-wa-thata-yotlhe? A o ka tlhaeletsa Modimo ka metlha yotlhe?

11 Ke tla lo ruta ka ga letsogo la Modimo; tse di mo go Mong-wa-thata-yotlhe ga nkitla ke di loba.

12 Bonang, lona lotlhe lo di bonye ka nosi. Jaanong ke eng fa lo bua dipuo tsa boithamako fela?

13 Kabelo ya motho wa moikepi mo Modimong ke e; boswa jwa morena yo o pelompe jo o tla bo amogelang mo go Mong-wa-thata-yotlhe ke bo:

14 Fa bana ba gagwe ba ata, ba atela tšhaka fela bana ba bana ba gagwe ga ba kitla ba kgora bogobe.

15 Masalela a gagwe a tla fitlhwa ke leroborobo; batlholagadi ba motse wa gagwe ga ba kitla ba a lelela.

16 Le fa a kgobokanya selefera jaaka lerole, a itshegela diaparo tse dintsi jaaka motlhaba,

17 o tla di itshegela, mme di tla aparwa ke mosiami; yo o se nang molato o tla abelwa selefera.

18 O agile ntlo ya gagwe jaaka segokgo le jaaka mokgoro o o dirwang ke modisa.

19 O ya go robala a humile, mme a se ke a boelele gape: E re a budulola matlho, a fitlhele a se na sepe.

20 Ditherego di mo wela jaaka morwalela; ledimo le mo tsaya bosigo.

21 Phefo ya botlhabatsatsi e mo kuke, a tloge; e mo gogole mo felong ga gagwe.

22 Modimo o mo konopa o sa rekegele; o ntse a tshaba seatla sa ona.

23 Batho ba tla mo opela diatla; ba mo leletsa molodi, fa a tswa mo felong ga gagwe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan