Yobe 26 - Setswana 1970Jobe o a fetola 1 Ke fa Jobe a fetola a re: 2 “Yo o tlhokang thata, o mo thusitse jang ne! Letsogo le le sa tiang, o le namoletse pila jang! 3 Yo o se nang botlhale, ruri o mo gakolotse! Kana o ntshitse tse di tlhalefisang di le dintsi! 4 Mafoko a gago o a boleletse mang? Ke mowa wa ga mang o ò neng ò bua ka ona? 5 Baswi ba roroma kwa tlase ga metsi le tse di agileng mo go ona. 6 Felo ga baswi ga go a bipega fa pele ga ona; molete wa tatlhego ga o na sekhurumelo. 7 Ona o tsharolola bokone godimo ga lolea; o lepeletsa lefatshe mo go se nang sepe. 8 O phuthela metsi mo marung a ona, mme ga go leru lepe le le phanngwang ke metsi. 9 Ponalo ya sedulo sa ona sa bogosi o a e sira, o ala leru la ona mo go yona. 10 O rala molelwane mo godimo ga metsi go fitlha kwa mafelelong a lesedi fa le amanang le lefifi teng. 11 Maotwana a legodimo a a reketla, a ba rerege ka kgalemelo ya ona. 12 O hudua lewatle ka thata ya ona; o remaganya kgogela ka tlhaloganyo ya ona. 13 Go sedifetse kwa legodimong ka phefo ya ona; seatla sa ona se phololetsa noga e e lobelo. 14 Bonang, tseo ke makhutlo a ditsela tsa ona fela. Tse re di utlwang ka ga ona ke tsa go sebasebelwa fela, mme modumo wa thata ya ona ke mang yo o ka o tlhaloganyang?” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa