Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 25 - Setswana 1970


Go bua Biletate

1 Ga fetola Biletate wa Sua a re:

2 “Puso le theregiso ke tsa ona o o dirang kagiso mo mafelong a a kwa godimodimo a ona.

3 A masomo a ona a ka balwa? Ke mang yo lesedi la ona le sa mo tlhabeleng?

4 Motho o ka nna jang mosiami fa pele ga Modimo? Yo o tsetsweng ke mosadi o ka nna phepa jang?

5 Bonang, le fa e le ngwedi ga o phatsime le dinaledi ga di a itsheka mo matlhong a ona!

6 Jaanong fa e le motho yo e leng seboko fela le morwa motho yo e leng sebokwana fela – ene o tlhaela jang mo tshiamong?”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan