Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 24 - Setswana 1970

1 “Ke ka ntlha ya eng, fa Mong-wa-thata-yotlhe a itse dipaka tsa go otla, mme ba ba mo itseng ba sa bone malatsi a gagwe a tshekiso?

2 Ba ba bosula ba sutisa melelwane, ba utswa letsomane ba a le fudisa.

3 Esele ya masiela ba a e gapa, kgomo ya motlholagadi ba e tsaya go nna peeletso.

4 Ba leleka bahumanegi mo tseleng; ba ba tshwereng bothata mo lefatsheng ba phela ka go iphitlha.

5 Ke bao, ba tswela kwa tirong ya bone jaaka diesele tsa nageng, ba ya go sela tse di jewang mo nageng, ba batlela bana dijo.

6 Ba kotula mabele a gagwe mo tshimong; ba ronopa tshimo ya moweine ya moikepi.

7 Ba lala ba sa ikatega ba se na diaparo; le gona ga ba na kobo, le fa go le maruru.

8 Ba koloba ka dipula tsa dithaba, mme ka ba se na botshabelo, ba ipatika fa thoko ga mafika.

9 Ba kgomodisa lesiela letsele la mmaalo; ba tsaya lesea la mmogisegi go nna peeletso.

10 Babogisegi bao ba tsamaya ba sa ikatega ba se na diaparo; ba na le go rwala dingata ba ntse ba tshwerwe ke tlala.

11 Ba tlhotlha lookwane mo gare ga dithako tsa bone ba ba bosula bao; ba gata segatelo sa weine ba ntse ba nyorilwe.

12 Go fegelwa ga ba ba swang go utlwala mo motseng; ba ba phololeditsweng ba goela thuso! Mme Modimo ga o tlhokomele tshiamololo.

13 Bone ba ba bosula bao ba tshaba lesedi; ga ba itse ditsela tsa lone; ga ba phele mo ditselaneng tsa lone.

14 Mmolai o tsoga pele ga masa, o bolaya mmogisegi le mohumanegi, mme o tshwana le legodu bosigo.

15 Leitlho la mosenya-nyalo le letela lotlatlana, a re: ‘Ga go na leitlho le le tla mponang;’ a ipipe sefatlhego ka lesela.

16 Legodu le thuba matlo mo fifing le tsene; motshegare ba a itswalela. Lesedi ga ba le tlhaloganye.

17 Gonne botlhe bao lefifi le lentsho ba le kaya moso; gonne ba tlwaetse dipoitshego tsa lefifi le le kwenneng.

18 A moikepi a fele ka pele jaaka selo fa se tsewa ke metsi! A tshimo ya gagwe e rogakwe mo lefatsheng! A a se ka a tlhola a ya kwa masimong a moweine!

19 A komelelo le bolelo di tlose metsi a semathana! A felo ga baswi go metse ba ba leofileng.

20 A mmaagwe moikepi a mo lebale! A a natefele diboko! A a se ka a tlhola a gopolwa ke ope! A tshiamololo e robiwe jaaka logong!

21 Ke raya yo o neng a direla mosadi wa moopa bosula, a sa direle motlholagadi molemo.

22 Mme Modimo o naya beng ba thata bophelo jo boleele ka thata ya ona; le yo o neng a tlhobogile bophelo jwa gagwe o tsoga gape.

23 Modimo o mo neela thagamo, a ba a ikaege ka yona; mme matlho a ona a tlhokomela ditsela tsa beng ba thata.

24 Ba gola ba tumile, ba tlhokafala ka sebakanyana; ba namalala, ba swa jaaka botlhe, jaaka diako di kgaolwa.

25 A ga go a nna jalo? Ke mang yo o ka reng, ke buile maaka? Ke mang yo o ka nyatsang mafoko a me a re, ga se a sepe?”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan