Yobe 22 - Setswana 1970Puisanyo ya boraro Go bua Elifase (Jobe 22:1 – 27:23) 1 Ga fetola Elifase wa Themane a re: 2 “A monna o ka thusa Modimo? Nnyaya, letlhale sa lone ke go itirela fela. 3 A o a re o kgatlha Mong-wa-thata-yotlhe, fa o le yo o siameng? A o a re o a mo thusa, fa o siamisa tsamao ya gago? 4 A o a re ke ka ntlha ya poifo-Modimo ya gago, fa a go otla, a go sekisa? 5 A ga ke re, bosula jwa gago ke jwa mefutafuta? Le gona melato ya gago ga e na fa e felelang teng! 6 O tsere dipeeletso mo go morwa-rraago, a se na molato; wa apola diaparo tsa ba ba tlhokang. 7 Yo o nyorilweng ga o a mo nosa metsi; yo o tshwerweng ke tlala o mo timile dijo. 8 O a re: Naga ke ya monna yo o bogale! Motlotlegi o nna mo go yona! 9 Batlholagadi o ba buseditse kwa morago ba iphotlhere fela; wa pšhwetla masiela mabogo. 10 Ke ka moo o dikanyeditsweng ke diru le therego e go tshosa ka tshoganyetso. 11 A kampo ga o bone lefifi le morwalela wa metsi a a go khurumetsang? 12 Modimo a ga o kwa godimo? Bona dinaledi tse di kwa godimodimo, di kwa godimo jang! 13 Mme wena o a re: ‘Modimo o itse eng? A o ka atlhola o le kwa morago ga bontsho jwa maru?’ 14 O a re: ‘Maru a o thibile matlho, ga o bone! O itsamaela mo tikologong ya legodimo!’ 15 A o rata go tsaya tsela ya bogologolo e baikepi ba tsamaileng ka yona 16 ba ba neng ba tlosiwa pele ga sebaka, ba tsewa ke morwalela wa metsi? 17 Ke ba ba reileng Modimo ba re: ‘Tloga mo go rona!’ Gape ba re: ‘Mong-wa-thata-yotlhe o ka re direlang?’ 18 Mme e ne e le ene yo o tladitseng matlo a bone tse di molemo! – Kakanyo ya baikepi e kgakala le nna! – 19 Basiami ba a bona, ba a itumela; ba ba se nang molato ba a ba sotla ba re: 20 ‘Ruri, ba ba neng ba re tlhoile ba nyeleditswe; le tse ba di tlogetseng di fisitswe ka molelo.’ 21 A ko o ithuse ka go tsalana nao, o nne kagisong; tlhogonolo e tla go tlela ka go dira jalo. 22 A ko o amogele thuto e e tswang mo molomong wa ona; o bee mafoko a ona mo pelong ya gago! 23 Fa o boela kwa go Mong-wa-thata-yotlhe, fa o ikokobetsa o tlosa tshiamololo mo lapeng la gago; 24 fa o latlhela gouta ya gago leroleng le gouta ya Ofire kwa mafikeng a melapo 25 foo Mong-wa-thata-yotlhe o tla nna gouta ya gago le selefera e e phatsimang mo go wena; 26 ee, foo o tla itumelela Mong-wa-thata-yotlhe, o tsholeletsa Modimo sefatlhego. 27 O tla rapela Modimo, o tla go utlwa; o tla dirafatsa maikano a gago. 28 Fa o ikaelela sengwe, o tla se kgona; lesedi le tla phatsimela ditsela tsa gago. 29 Fa di ya kwa tlase, o tla re: ‘A ke tlhatloge!’ Modimo o tla thusa yo o ikokobetsang. 30 Ee, le yo o molato, o tla mo pholosa; a pholosiwa ka bophepa jwa diatla tsa gago.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa