Yobe 21 - Setswana 1970Jobe o a araba 1 Jobe a fetola a re: 2 “Utlwang lo reetse se ke se bolelang! A go re jalo e nne dikgomotso tsa lona! 3 Ntumeleleng, le nna ke bue. Fa ke sena go bua, o ka sotla. 4 A nna ke lebisa selelo sa me mo bathong? Gongwe ke ka ntlha ya eng, fa ke sa tshwanela go fela pelo? 5 Ntebeng lo rerege! Bayang diatla melomong. 6 Fa ke gopola tseo, ke a tshoga; mmele wa me o a sisimoga. 7 Ke ka ntlha ya eng, fa baikepi ba ka phela, ba be ba tsofala le go tia nonofong? 8 Ba bona bana ba bone, ba tiile ba na nabo mmogo le bana ba bana. 9 Matlo a bone a mo kagisong, ga go na se se ba tshosang; thupa ya Modimo ga e ba otle. 10 Poo ya gagwe e a gwela, ga e fose; kgomo ya gagwe e a tsala, ga e folotse. 11 Ba ntshetsa basimane ba bone kwa ntle jaaka dinku; bana ba bone ba a tlolaka. 12 Ba opelela moropana le mangope; ba itumelela go lela ga ditlhaka. 13 Ba phela monate ka malatsi aotlhe; ba fologela mo felong ga baswi ba le kagisong. 14 Mme kana ba reile Modimo ba re: ‘Tloga mo go rona! Ga re kgatlhwe ke go itse ditsela tsa gago.’ 15 Ba re: ‘Mong-wa-thata-yotlhe ke eng, fa go twe, re mo direle? Go ka re thusa eng, fa re mo rapela?’ 16 Bonang, tlhogonolo ya bone a ga e mo diatleng tsa bone? Kakanyo ya baikepi e kgakala le ona Modimo. 17 A ga ke re, lobone lwa baikepi ga lo atise go tima le tatlhego ga e ba wele gantsi? Ga ke re, Modimo ga o tsotelele go ba abela dikotlo ka bogale jwa ona? 18 Ke ga kae ba tleng ba tshwane le dirite mo phefong, ba be ba tshwane le moko o o tsewang ke ledimo? 19 Lona lo a re: ‘Modimo o bolokela bana ba moikepi tatlhego ya gagwe!’ Nnyaya! A o otle ene ka fa go mo lebanyeng gore a utlwe botlhoko! 20 A moikepi a bone tatlhego ya gagwe ka matlho! A a nwe bogale jwa Mong-wa-thata-yotlhe! 21 Gonne ke eng sa lapa la gagwe se se ka mo tshwenyang, fa a sena go swa, fa palo ya dikgwedi tsa gagwe e sena go fela? 22 A motho o ka ruta Modimo kitso, ona o o sekisang ba ba kwa godimo? 23 Mongwe o swa a ntse a le tlhogonolo tota, a na le kagiso fa gotlhe a sa tshwenyegele sepe. 24 Dikgamelo tsa gagwe di tletse lebese; marapo a gagwe a tiile moko. 25 Mme yo mongwe a swe a le pelo-e-botlhoko, a ise a je tsa letlhogonolo. 26 Ba robale mmogo leroleng, mme diboko di ba khurumetse. 27 Bonang, ke itse dikakanyo tsa lona le maano a lo a ntogelang, a lo nteofelang ka ona. 28 Fa lo re: ‘Lelapa la morena yo o ikgantshang le kae? Ntlo e kae e baikepi ba neng ba nna mo go yona?’ 29 A ga lo a botsa bafeti ba tsela? Kana dikao tsa bone ga lo di ganetse! 30 Ba re: ‘Yo o bosula o rekegelwa ka letsatsi la tatlhego; o phologa ka letsatsi la bogale.’ 31 Ke mang yo o kgalemelang tsamao ya gagwe a lebaganye nae? Ke mang yo o mo otlhaelang tse a di dirileng? 32 Le gona o isiwa mabitleng, mme phupu ya gagwe ba a e disa. 33 Makwete a lebitla a monate mo go ene; batho botlhe ba mo sala morago, le ba ba mo eteletseng pele ga ba na palo. 34 Jaanong lo ka nkgomotsa jang ka dilo tsa lefela? Mo dikarabong tsa lona go setse bolotsana fela.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa