Yobe 20 - Setswana 1970Go bua Sofare 1 Ga fetola Sofare wa Naama a re: 2 “Ke ka moo ke arabisiwang ke dikakanyo tsa me; ka lebaka leo maikutlo a me a a mpotlakisa. 3 Ke utlwile kgalemelo e e nkgopisang; ke na le temogo mo moweng wa me e e nkarabisang. 4 A ga ke re, o itse tsa bogologolo, tsa go tloga kgale, fa go tlholwa batho mo fatsheng? 5 Tse di reng: Moduduetso wa baikepi o mokhutshwanyane fela; boitumelo jwa ba ba pelompe ke jwa sebakanyana fela. 6 Le fa boikgantsho jwa moikepi bo ka tlhatlogela kwa legodimong, le fa tlhogo ya gagwe e ka ama maru, 7 o tla nyelelela ruri jaaka mantle a gagwe; ba ba kileng ba mmona ba tla re: ‘O fa kae?’ 8 O tla timela jaaka toro a sa tlhole a ka bonwa; o tla kobiwa jaaka pono ya bosigo. 9 Leitlho le le kileng la mmona ga le tlhole le mmona; le felo ga gagwe ga go tlhole go mmona. 10 Bana ba gagwe ba tshwanetse go thabisa ba ba humanegileng; diatla tsa bone di na le go busa tse o di thukhuthileng. 11 Le fa marapo a gagwe a tletse thata ya bokau jwa gagwe, e tla lala nae loroleng. 12 Le fa bosula bo mo natefetse leganong, a bo fitlha ka fa tlase ga loleme lwa gagwe; 13 le fa a bo boloka, a sa rate go bo lesa a bo tshotse mo magalapeng a gagwe. 14 Dijo tsa gagwe di tla fetoga di le mo maleng a gagwe; e nna botlhole jwa mabolobolo ka mo teng ga gagwe. 15 Dikhumo tseo o di meditseng o tla di tlhatsa gape; Modimo o tla di gelola mo mpeng ya gagwe. 16 Botlhole jwa mabolobolo o a bo anya; loleme lwa noga lo a mmolaya. 17 Ga a nke a thaba ka go bona dinokana le dinoka tsa mafura a dinotshe le tsa mašwi a a themileng. 18 Tse o di itiretseng o a di ntsha gape, a ise a di metse; tse o di anantseng ga di na go mo itumedisa. 19 Gonne o ne a gatelela ba ba humanegileng, a ba latlha fela; a gapa ntlo, mme ga a kitla a e ntšhwafatsa. 20 E re ka a ne a sa khutle go eletsa mo teng ga gagwe, ga a kitla a phologa ka dilo tse a di ratang. 21 E rile a thopa, a bo a sa sadise sepe; ke ka moo a sa boneng lesego le le tlhomameng. 22 Le fa a na le letlotlo le le tletseng, o tla pitlaganngwa; mabogo otlhe a babogisegi a tla mo wela. 23 Morena o tla mo romela bogale jo bo tukang jwa gagwe, a bo mo nesetsa go nna dijo tsa gagwe le go tlatsa mpa ya gagwe. 24 Fa a tshaba dibolai tsa tshipi, o tla phololediwa ka bora jwa kgotlho. 25 Fa a re ke a itlhomola, motsu o tswa mo motlhaneng wa gagwe le tshipi e e phatsimang mo santlhokweng wa gagwe. O ya kwa losong, a wetswe ke matshogo. 26 Lefifi tota le baakanyeditswe mahumo a gagwe; molelo o o sa godiweng ke motho o tla mo nyeletsa, o feleletsa masalela a a mo lapeng la gagwe. 27 Legodimo le tla senola molato wa gagwe le lefatshe le mo tsogela. 28 Mahumo a a mo ntlong ya gagwe a tla thopiwa; a gogolwa ka letsatsi la bogale jwa ona. 29 Ke yona kabelo ya motho wa moikepi e e tswang mo Modimong; ke jona boswa jo o bo neetsweng ke Modimo.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa