Yobe 2 - Setswana 1970Jobe o lekwa la bobedi 1 Jaanong ya re letsatsi le lengwe bomorwa Modimo ba tla gape, ba ema fa pele ga Morena, Satane le ene a tla gape a le mo gare ga bone, a ema fa pele ga Morena. 2 Morena a botsa Satane a re: “O tswa kae?” Satane a araba Morena a re: “Ke tswa go kgarakgatshega mo lefatsheng, ka itsamaela mo go lone.” 3 Morena a ba a botsa Satane gape a re: “Jobe, motlhanka wa me a o mo etse tlhoko? Gonne ga go na monna ope yo o tshwanang nae mo lefatsheng. O siame, ga a na molato, o boifa Modimo, o tshaba bosula. Mme o sa ntse a tshegeditse tshiamo ya gagwe, mme wena o ntlhotlheleditse gore ke mo senyetse a se na molato.” 4 Mme Satane a fetola Morena a re: “Letlalo le a tle le ntshediwe letlalo. Tsotlhe tse motho o di tshotseng o ka di ntsha gore a boloke bophelo jwa gagwe. 5 Fela a ko o otlolole letsogo, o ame marapo a gagwe le nama ya gagwe. Foo ruri o tla go itatola a lebaganye nao.” 6 Ke fa Morena a raya Satane a re: “Bona, o mo thateng ya gago. Fela o rekegele bophelo jwa gagwe.” 7 Ya baa gona Satane a tlogang gape fa pele ga Morena, a betsa Jobe ka diso tse di bosula go simolola patong ya lonao go fitlha phogong ya gagwe. 8 Jobe a itseela lobeana, a ingwaya ka lone a ntse a dutse mo moloreng. 9 Ke fa mosadi wa gagwe a mo raya a re: “A o sa ntse o tshegeditse tshiamo ya gago? Itatole Modimo o swe!” 10 Mme a mo raya a re: “Le wena o bua jaaka mongwe wa basadi ba e leng dieleele. A re ka amogela tse di molemo mo Moreneng, mme tse di botlhoko tsona re a di gana?” Mo go tsotlhe tseo Jobe a se ka a leofa ka molomo wa gagwe. Jobe o lekolwa ke ditsala tsa gagwe 11 E rile ditsala tse tharo tsa ga Jobe di utlwela tse di botlhoko tsotlhe tseo tse di mo wetseng, tsa tla, mongwe le mongwe a tswa kwa ga gabo, e bong Elifase wa Themane le Biletate wa Sua le Sofare wa Naama. Bao ba utlwana go ya mmogo kwa go ene le go mo lelela le go mo gomotsa. 12 Jaanong ya re ba tsholetsa matlho ba sa le kgakala, ba bo ba sa mo itse; ke fa ba tlhatlosa mantswe, ba lela, ba ikgagola diaparo ka boraro jwa bone, ba gasetsa lorole kwa godimo ga ditlhogo tsa bone; 13 ba tla, ba nna nae fa fatshe masigo a supa le malatsi a supa, go se na ope wa bone yo o buang lefoko nae, ka gonne ba bona botlhoko jwa gagwe e le jo bogolo thata. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa