Yobe 19 - Setswana 1970Jobe o a araba 1 Jobe a fetola a re: 2 “Lo tla ntlhokofatsa pelo le go nthubaganya ka dipuo sebaka se se kana kang? 3 Lo nkgobile e setse e le la bosome, lwa ntirela ka setlhogo lo sa tlhajwe ke ditlhong. 4 Le fa ka gongwe ke fositse tota, gona phoso ya me e tla sala le nna. 5 Fa lo rata tota go ikgodisa le go nnyatsa le go supa molato wa nyatsego ya me, 6 foo itseng gore ke siamololelwa ke Modimo, mme o ntharile ka letloa la ona. 7 Bonang, ke goa ke re: ‘Ke a gatelelwa!’ Mme ga ke utlwiwe; ke lelela thuso, mme tshiamo ga e teng. 8 Morena o thibile tsela ya me, mme ke palelwa ke go feta; le ditselana tsa me o adile lefifi mo go tsona. 9 O nkapotse tlotlo ya me; serwalo sa me sa bogosi o se nkamogile. 10 O nthutlile gotlhegotlhe, ke a tloga; o kumotse tsholofelo ya me jaaka setlhare. 11 Bogale jwa gagwe o bo ntukisetsa, o nkaya mmaba wa gagwe. 12 Mephato ya gagwe ya tla mmogo, e ikatela tsela ya go nkwela, e ntikanyetsa ka go thibelela. 13 O nkatogantse thata le bana ba ga rre; ba ke ne ke tlwaelanye nabo, ba ipaya ba ba sa nkitseng. 14 Ba losika lwa ga etsho ba a ntshaba; ba ba neng ba nkitse ba ntebetse. 15 Ba lelapa la me le malata a me ba ntebile jaaka moeng; ke o sele mo matlhong a bone. 16 Motlhanka wa me, fa ke mmitsa, ga a arabe; ke na le go mo kokotlela ka molomo wa me. 17 Mowa wa me o nkgela mosadi wa me; bomorwa-rre ba re, ke a nkga. 18 Le basimanyana ba a nnyatsa; fa ke re ke a nanoga, ba a ntshotla. 19 Ke maila mo go botlhe ba ke neng ke ba ikanya; bao ke ba ratileng ba mphetogetse baba. 20 Marapo a me a ngaparetse letlalo la me; ke phologile fela ka mahinini a meno a me. 21 Ntlhomogeleng pelo! Ntlhomogeleng pelo! Lona ditsala tsa me; gonne seatla sa Modimo se nkotlile. 22 Ke go reng, fa lo ntlhorisa jaaka Modimo, lo sa kgore tshenyego ya nama ya me? 23 Ao! A go kwalwe tseo tse ke di buileng! A di kwalwe lokwalong! 24 A di gwaiwe mo lefikeng ka sethadi sa tshipi le ka llota gore di nnele ruri. 25 Mme nna ke a itse gore Mogolodi wa me o a phela; ke ene yo o nnelang ruri, o tla ema mo godimo ga lorole. 26 Mme ke tla bona Modimo, ke se na letlalo le le sentsweng ke dilo tseo, ke se na nama ya me. 27 Ona ke tla o bona e le mothusi wa me, matlho a me a tla o bona, e seng o sele; ke seo pelo ya me e se tlhologeletsweng mo go nna. 28 Fa lo re, re tla mo latelela thata, re bona molato wa dipogo mo go ene, 29 gona lo boife tšhaka ka losi; gonne letlhoo ke mongwe wa melato e e atlholelwang tšhaka gore lo tle lo itse, fa moatlhodi a le teng.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa