Yobe 18 - Setswana 1970Go bua Biletate 1 Ga fetola Biletate wa Sua a re: 2 “O tla fetsa leng go buabua? Ikakanye pele, nte go bue rona! 3 Ke ka ntlha ya eng, fa re kaiwa jaaka kgomo fela, fa re le dieleele mo matlhong a lona? 4 Fa o ikgarolaka mo bogaleng jwa gago: A lefatshe le tla tlogelwa ka lebaka la gago? A lefika le ka suta mo mannong a lone? 5 Nnyaya! Lesedi la moikepi le tla tima; kgabo ya molelo wa gagwe ga e bonese. 6 Lesedi la lelapa la gagwe le a fifala; lobone lwa gagwe lo tima godimo ga gagwe. 7 Dikgato tsa go gwanta ga gagwe di tla koafala, mme maano a gagwe a tla mo diga. 8 Gonne o isiwa letloeng ke maoto a gagwe; o itsamaela mo godimo ga digopo. 9 Mutlwane o mo tshwara seretheng; seru se a mmofa. 10 Segole o se thaetswe ka mo mmung; le gona o thaiwa mo tseleng. 11 Ditherego di mo tshosa mo ntlheng tsotlhe; di mo tebela di ntse di mo setse morago. 12 Tatlhego e mo meletsa mathe; kotsi e baakantswe go mo diga. 13 Motsalwapele wa loso o tla ja dibatanyana tsa letlalo la gagwe; o tla ja ditokololo tsa gagwe. 14 O tla kumolwa mo lapeng la gagwe le a neng a le ikanya; o tla isiwa kwa kgosing ya ditherego. 15 Dilo tse e seng tsa gagwe di tla nna mo lapeng la gagwe; go tla gasiwa sebabole mo nageng ya gagwe. 16 Go tla omelela medi ya gagwe ka kwa tlase; dikala tsa gagwe di tla swaba kwa godimo. 17 Ga a tlhole a gopolwa mo fatsheng; ga a na leina le le umakwang mo mebileng. 18 Ba mo ntsha mo leseding, ba mo kobela kwa lefifing; ba mo leleka mo lefatsheng. 19 Ga a na ngwana, le fa e le setlogolo mo morafeng wa ga gabo; ga a na lesalela fa a neng a phela teng. 20 Ka ntlha ya letsatsi la tatlhego ya gagwe go tla rerega ba bophirimatsatsi, le ba botlhabatsatsi ba tshwarwa ke letshogo. 21 Ee, ke tsona tseo fela tse di dirafalelang malapa a basenyi; ke tsa ga gabo yo o sa itseng Modimo.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa