Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 17 - Setswana 1970

1 “Mowa wa me o a fela, malatsi a me a a tima; ke lebitla fela le le ntshaletseng.

2 Ruri, ditshotlo ke kabelo ya me; matlho a me a lala a ledisiwa ke dikomano tsa bone.

3 A ko o mpeele, o nkemele mo go wena! Yo mongwe kana ga a teng yo o ka nkemelang!

4 O subetse pelo tsa bone tlhaloganyo; ka moo ga o kitla o ba naya phenyo.

5 Yo o batlang kabelo ka go eka ba ga gabo, bana ba gagwe ba tla rotola matlho.

6 Nna o ntirile seane sa batho; ke fetogile yo o kgwelwang mathe mo sefatlhegong.

7 Matlho a me a fifetse ka botlhoko; ditokololo tsa me tsotlhe di tshwana le moriti fela.

8 Ka ntlha ya tseo go rerega ba e leng ba nnete; ba ba se nang molato ba tsogela baikepi.

9 Mme mosiami o tla sala mo tseleng ya gagwe; yo o diatla di phepa o tla nna a tiela pele.

10 Mme lona lotlhe, a ko lo tle gape; fela ga nka ke ka bona yo o botlhale mo go lona.

11 Malatsi a me a fetile. Maano a me a senyegile a pelo ya me e a tlhoafaletseng.

12 Bosigo ba bo dira motshegare ba re: ‘Lesedi le gaufi, le fa go ntse go le lefifi fela.’

13 Ke letile felo ga baswi ka re, ke ntlo ya me; bolao jwa me ke bo ala mo lefifing.

14 Ke raya phupu ke re: ‘O rre’; le diboko, ke re: ‘Lo mme’ le ‘kgaitsadiake.’

15 Tse ke di lebeletseng di kae? Tse ke di solofelang di bonwa ke mang?

16 Di fologela dikgorong tsa felo ga baswi, fa go robetswe mmogo leroleng.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan