Yobe 16 - Setswana 1970Jobe o a araba 1 Jobe a fetola a re: 2 “Mafoko a mofuta oo ke a utlwile gantsi; lo bagomotsi ba lo tenang motho, lona lotlhe. 3 Mafoko a e leng diphefo fela a a feleletse? Gongwe o tlhotlhelediwa ke eng, fa ò fetola? 4 Le nna nka bo ke itse go bua jaaka lona, fa lona lo ka bo lo le mo boemong jwa me; ke ne ke tla lo rulaganyetsa mafoko sentle le go lo thukhuthela tlhogo. 5 Nka bo ke lo nonotsha ka molomo wa me; kutlwelo-botlhoko ya mafoko a me e ka bo e kokobetsa tlalelo ya lona. 6 Le fa nka bua, botlhoko jwa me ga bo kokobele; fa ke didimala, ke tlogelwa ke eng? 7 Ruri, jaanong ona o ntapisitse. Wena Modimo, o ntshenyetsa ba ga etsho botlhe, 8 o a ntshwara; botlhoko jwa me ke mosupi; bo ntsogetse, jwa mpaya molato bo lebaganye le nna. 9 Bogale jwa ona bo nkgagotse le go ntwantsha; ona wa nkhuranyetsa meno; montsogedi a nkgwetolela matlho. 10 Ba nkatlhamolosetsa melomo, ba ntitaya marameng ka kgobo, ba nkgobokanela go lwa le nna. 11 Modimo o nneetse ba ba sokameng, wa ntatlhela diatleng tsa baikepi. 12 Ke ne ke le boiketlong, mme wa nthobaganya; wa ntshwara mo thamong, wa mpšhwetlakanya; wa ntira sekonopiwa sa ona. 13 Metsu ya ona e mpharafere mo ntlheng tsotlhe; o mphatlola pelo o sa rekegele; santlhokwe wa me o o tshololela fa fatshe. 14 O phunyaphunya mmele wa me jaaka fa go phunngwa lobota; o ntlhasela jaaka seganka. 15 Lesela la bohutsana ke le rokeletse mo letlalong la me; lonaka lwa me ka lo latlhela loroleng. 16 Matlho a me a hubitse ka go lela; lefifi le lentsho le mo dintshing tsa matlho a me; 17 e tswe go se na bokgopo mo diatleng tsa me le thapelo ya me e le phepa. 18 Wena lefatshe, se khurumetse madi a me! A go goa ga me go se bone boikhutso! 19 Le jaanong, bonang, mosupi wa me o kwa legodimong; ee, moemedi wa me o kwa godimodimo! 20 Ditsala tsa me di a ntshotla, mme matlho a me a rothela dikeledi Modimong 21 gore o fedise kgang ya monna le Modimo le ya morwa motho le tsala ya gagwe. 22 Gonne go setse dinyaga di se kae, mme ke tla wela mo tseleng, ke sa boe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa