Yobe 15 - Setswana 1970Puisanyo ya bobedi Go bua Elifase (Jobe 15:1 – 21:34) 1 Ke fa Elifase wa Themane a fetola a re: 2 “A motlhalefi o ka araba ka kitso e e leng phefo fela, a tlatsa mpa ya gagwe phefo ya botlhabatsatsi, 3 e le go ikarabela ka mafoko a a se nang mosola le ka dipuo tse di sa thuseng sepe? 4 Ee, wena o senya poifo-Modimo, o ngotla tshisimogo fa pele ga Modimo. 5 Gonne molomo wa gago o buisiwa ke molato wa gago; o itlhophela puo ya maferefere. 6 Ga se nna ke go sekisang, o sekisiwa ke molomo wa gago; mafoko a gago a supa ka ga gago. 7 A ke wena motho wa ntlha yo o tsetsweng? A o tlholegile pele ga dithabana? 8 A o ne o reeditse mo lekgotleng la Modimo? A o iphamoletse botlhale? 9 O itse eng se rona re sa se itseng? A o lemogile sengwe se rona re iseng re se lemoge? 10 Ba ba tlhogo-di-pududu le batsofe le rona re na nabo; ke ba malatsi a mantsi bogolo go rraago. 11 Dikgomotso tsa Modimo a o a di galala, e bong lefoko le le builweng le wena ka bonolo? 12 O betelwang ke pelo? Ke eng, fa o gwetola matlho? 13 Kana o losa mowa wa gago le Modimo, fa o ntsha mafoko a a ntseng jalo mo molomong wa gago! 14 Motho ke eng? A e ka nna yo o itshekileng? A ngwana wa mosadi e ka nna yo o siameng? 15 Bonang, baitshepi ba ona ga o ba ikanye; le legodimo ga le a itsheka mo matlhong a ona, 16 bogolo jang motho yo o maila yo o senyegileng, yo o nwang bokgopo jaaka metsi! 17 Ke tla go ruta, ntheetse; ke tla bolela tse ke di bonyeng, 18 tse batlhalefi ba di bolelang, tse borraabo ba sa di ba lobelang. 19 Ke ba ba neng ba neilwe lefatshe ba le nosi, moeng a sa ba ralale: 20 Ba re: Moikepi o mo poifong ka malatsi otlhe fela, jaaka morena yo o pelompe ka dinyaga tsotlhe tse o di beetsweng. 21 Medumo ya matshogo e duma mo tsebeng tsa gagwe; e a re a le kagisong, a welwe ke mogateledi. 22 Ga a solofele go ka boa mo lefifing; o atlholetswe go bolawa ka tšhaka. 23 O kgarakgatshega go batla dijo. Di kwa kae? O a itse, fa letsatsi la tatlhego le etleeditswe le le gaufi nae. 24 Tlalelo le pitlaganyo di mo tshosa di mo wela jaaka go tshosa kgosi e e bolotseng go tlhasela. 25 Ke ka gonne o otlololetse Modimo letsogo go lwa nao, a ikgantshetsa Mong-wa-thata-yotlhe. 26 A o tlhasela ka thamo e e gagametseng le ka bontsi jwa dithebe tsa gagwe. 27 Gonne o sirilwe matlho ke go nona, a akola mafura diropeng, 28 a nna mo metseng e e sentsweng le mo matlong, a ba a ileditsweng a a atlholetsweng go nna matlotla. 29 Ga a kitla a huma; tse o nang natso ga se tse di tlhomameng; di tshwana le diako tse di sa obegeleng fa fatshe. 30 Ga a kitla a falola mo fifing; bolelo bo tla swabisa matlhogela a gagwe; o tla nyelela ka pudulo ya molomo wa ona. 31 A a se ka a ikanya boithamako, o a itsietsa; gonne tuelo ya gagwe e tla nna boithamako. 32 Go tla dirafala jalo letsatsi la gagwe le ise le tle; kala ya mokolane wa gagwe ga e tlhoge. 33 O tla diga maungo a a iseng a butswe jaaka moweine; a tlhotlhora dithunya tsa gagwe jaaka setlhare sa olefa. 34 Gonne lekoko la balotsana ke la baopa; molelo o tla fisa malapa a ba ba amogelang neo e e faposang tshiamo. 35 Ba ithwala tapisego, ba tsala tatlhego; teng ya bone e etleetsa tsietso.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa